Blogs

Lore lo ojwa lo sale metsi

Ngwana o ka nna tlhogo e thata, a gana go rongwa. Gongwe a di tlatsa ka legano, ya re a bua le bagolo, a se ka a ba tlhophela mafoko, a bue fela jaaka a rata.

E re dilo di direga jaana, motsadi a tlhobaele, a ipotse gore a ngwana yo o tlaa gola e le motho sentle, kgotsa e tlaa nna motho wa mekgwa le ditsela tsa gagwe fela koo. Ka gone go tlhobaela, batsadi ba leke go kgalema. E a re go kgalemelwa, bana bangwe ba utlwe, ba boele mo tseleng. Yo mongwe a ganane, go tsene ka fa, go tswe ka kwa, a felele e le selo se sele fela. Go tlhoka go utlwa ga bana ga go direge fela kwa gae, kwa malwapeng a batsadi ba bone, mme le kwa dikoleng go a direga.

Ga twe go na le sekole sengwe kwa Tutume, kwa Bokalaka, se se bidwang Maphorisa. Go utlwala fa ka nako nngwe dilo di ne di sa tsamaye sentle kwa sekoleng se. Ka ngwana lekuka o a sokelwa, ga twe go ne ga bidiwa phuthego ya batsadi le barutabana, kgang e le go lekodisa batsadi ka fa dilo di ntseng ka teng mo sekoleng se.  Pego ya re barutabana ba ne ba bolela fa bana ba lokwalo lwa bosupa ba sekole se, ba thubile kobo segole, ba sa tlhagafalela go ithuta. Mme se, se dirwa ke eng?

Ga twe barutabana ba ne ba bolela fa go tshwerwe dikwalo dingwe tse bana ba neng ba di kwalelana, e le tsa lorato (go ratana) mme e le tsone di ba diyang go ithuta.  Ga supiwa fa selo se, se sa siama ka bana ba, ba sale bannye. Godimo ga moo,ga bolelwa fa  malatsi ano go na le mogare wa HIV, mme ka fa ba dirang ka teng, bana bangwe ba ka fetisetsa mogare o kwa go ba bangwe. Mme go bo go ka dirwa eng fa dilo di ntse jaana? Ga twe barutabana ba ne ba kopa batsadi go kgalemela bana. E nngwe kgang ya nna ya megala ya letheka (cell phones). Polelo ya re, morutabana mongwe o ne a re megala e le yone e diya bana go ithuta; e ba itaya tsebe. Monwana wa supa batsadi gore batsadi ba ba rekelang bana megala e ga ba dire sentle.

Ya tsamaya jalo phuthego ya sekole sa Maphorisa. Batsadi le barutabana ba kopana go leka go busetsa bana mo tseleng. Batsadi ba itumela, ba itumelela go lekodisiwa ka fa bana ba itshwarang ka teng . Dikgang/Daily News fa e bega ka fa batsadi ba neng ba bua ka teng ya re;

‘Batsadi ba ne ba leboga barutabana go ba lemosa nako e sale teng fa go na le dilo dingwe tse di sa tsamayeng sentle.....ba gatelela ka gore lore lo ojwa lo sale metsi.’ Go ntse jalo, lo ojwa lo sale metsi. Jaanong potso ke gore, lore ke eng? Thanodi ya Setswana fa e tlhalosa lefoko ‘lore/ lere’ ya re ’legong le le betlilweng le le sesane go ikokotlela.’  E tswelela e re, ‘seikokotlelo, thobane.’

 Re itse gore fa motho a ntse a gola, mmele o a koafala, mme kwa morago a palelwe ke go ema kana go tsamaya a sa itshegetsa ka sepe. Ka gone go palelwa mo, motho a felele a batlelwa sengwe sa go itshegetsa.  Gantsi go batliwa logong. Logong lo ke lone lo lo bidiwang lore ampo thobane. Bangwe, jaaka Thanodi e bua, ba re seikokotlelo; ke gore selo se se ikokotlelang.

Jaanong seane fa se re lore lo ojwa lo sale metsi, se raya eng? Fa re ya le seane ka fa se buang ka teng, se raya gore logong lo kgona go obiwa, go obega, fa lo sa ntse lo le metsi. Ka nako eo, lo a bo lo se thata. Fa lo setse lo omile, lo ka nna thata go obega, gongwe lwa ba lwa robega.  Mme ka re itse gore diane ga di tlhamalatse puo, di e kgabisa ka go e bapisa, tlhaloso ya tlhomamo ke eng?  Tlhaloso ya nnete ke gore, ngwana o tshwanetse go rutwa maitseo le botho a sale monnye. A le kalo, o tlaa utlwa, a gole e le motho yo o botho. Fa a setse a godile, go nna thata gore a utlwe ka o setse a na le mekgwa le ditsela tsa gagwe tse a di tlwaetseng.

Jaanong kgang e wela e reng? Kgang e wela e re, ka gale lefoko ‘lore’ le raya thobane. Le raya seikokotlelo. Lefoko le ke lengwe la mafoko a ba le bantsi ba sa a itseng ka ga le dirisiwe thata. Gantsi fa batho ba ba ikokotlelang ba batla seikokotlelo sa bone, ba re ba batla thobane e seng lore. Mme e rile go kgabisa puo ka diane, Motswana a dirisa lefoko le go raya ngwana kana motho.

motshwanes@yahoo.com