Blogs

Ga se lefoko le le lengwe

Jaanong, e tlaa re tsatsi jeno le rona re ikgate motlhala, re boelele polelo ele ya phuthego ya Madiba. Re ne ra utlwa fa phuthego eo, e ne e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere. Ga bonala fa mopalamente a tshwenyegiie thata ka seemo sa borukutlhi mo Mahalapye mme a biditse phuthego go tla go lekodisanya le morafe wa, banni ba, kgotla ya Mabiba ka seemo seo. Polelo ya supa fa lengwe lefoko legolo la mopalamente e ne  ya nna gore Mahalapye o itsege thata ka bogodu mme seo, se busetsa motse kwa morago ka bagwebi ba Mahalapye ga ba kgone go tsalana, go aga botsala, le bagwebi ba dikgaolo tse dingwe. Re nne re re. o ka thibelela jang gare ga naga e tletse dibatana?

O a siya, o lekele pele, o tshaba go felelwa ke loruo. Re tlatse mopalamente re re, a borukutlhi jo, bo emelwe ka dinao, bo lwantshiwe, motse o agege, o tswelele pele fela jaaka metse e mengwe. E se re go buiwa ka Mahalapye, kgang ya nna gore koo, ga se bonno, boetelo.

Ga nna ga tla mme re utlwa gore mopalamente a bo a ne a se nosi. Bangwe gape, ba bo ba ne ba le koo. Le bone ba nna ba latlhela.  Mongwe wa bao, o kaiwa e ne e le Kgosi Duncan Segotsi, wa Mahalapye. Ga twe, ene o ne a supa fa borukutlhi bo gakadiwa ke batsadi ba e reng bana ba sa dire sentle, ba dira tse di maswe, ba bo ba sa ba kgalemele. Ga re itse gore foo, lebaka, mabaka, e a bo e le eng. Fela re re, ba go nna jalo batsadi, ba a bo ba fapoga Setswana se se reng, ‘Lore lo ojwa lo sale metsi.’ Go bua jaana, Motswana o a bo a raya gore, ngwana o tshwanstse go rutwa botho, setho, go itshwara sentle, a sale monnye.

A setse a godile, go nne thata fela jaaka lore o ka se ka wa kgona go  lo oba lo setse lo omeletse. Ka nrlha e nngwe lefoko la Modimo le re, ‘Godisetsa ngwana ka thuto  mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o  tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo. (Diane 22:6)

Go sale foo, ga twe, kgosi a lemotsha batsadi fa go rapela bana ka madi go sa busetse, e le fela go ba rotloetsa go tlhoka tsebe  mme go felele go senya kagiso ya motse. Re re, go ntse jalo.  Fa ngwana a se na tsebe, o tshwanetse go tiisediwa lentswe, go lelediwa moretlwa, gore a tle a bulege ditsebe, e re go buiwa nae, a utlwe, a tswe motho e seng seganana, seitaodi.

Fa go ntse jalo, a dule motho, a tsamaya tseleng e e leng yone, e bo e le fa e bo leleketse kgakala le ene thupa ya kwatlhao; lore lo obilwe lo sale metsi. Fa go diregile jalo, thupa e latlhisitse motho, a ngwana, a mogolo, mekgwa e e maswe ele, Setswana se re, ‘Ga e gate lore lo kgopo.’

Fa re ntse re ya kwa tlase le polelo, ra utlwa gore Rre Basimane Toteng le ene a latlhela. La gagwe ya nna gore kgopho ya metsi a a leswe, le maemelo a diplamo tsa setshaba, di a tlhokega kwa Madiba.

Re tsaya gore fa, Rre Toteng o ne a raya gore go dirwe thulaganyo ya go gopa metsi a a leswe, le go aga maemelo a dipalamo tsa setshaba ka mo nakong eno, ga di ise di dirwe. Re re, a go nne jalo Madiba a gatele pele.

Re setse re supile fa polelo ele ya phuthego ya Madiba, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) rikHigong 22 2020. Fa e bua ka fa e reng mopalamente o ne a rotloetsa morafe ka teng go tlhagafalela go tlhabolola motse wa Mahalapye, polelo ya re;

‘…..ke nako ya go tswa mo dikagong tse okareng mantlwane…..’

Jaaka gale, re botse gore, a o bona phoso nngwe fa godimo fa. Fa go na le phoso nngwe, ke efe, ke eng e le phoso? Gape, e ka baakanngwa jang? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona phoso re bona lefoko ‘ okareng.’ Gongwe o botse gore ke eng fa re re  lefoko le ke phoso. Jaaka gale, karabo e nne e re, ke ka gore, ga go a kwalwa sentle. E le ka goreng?  E le ka gore, lefoko le, e ka bo e se lefoko le le lengwe.

Ka tshwanelo mafoko a a mo go lone a tshwanetse go kgaogana. Gongwe o botse gape gore mme fa a kgaogana jalo, a kwalwe jang? Re re, e tshwanetse go nna ‘ o kareng.’ Fa ba tlhalosa ba re, mo ka ga se lefoko le le lengwe, go mafoko mabedi, kana, mantsi,  ke seelana. E re ba tlhalosa ka Sekgowa ba re ke phrase. Jaanong ka ga re bue ka go tshwana, e re mongwe a bua, a bue jalo a re o kareng, yo mongwe a re, e kareng, yole fale a re, e keteng, mongwe gape a re, e rekeng, mme botlhe ba ba raya selo se le sengwe, ba raya gore dikago tsele, o kare, e kare, e kete, e reke, mantlwane.

Fa re bua ka tsone dikago tsele, botlhe ba bo ba raya gore ga di dintle, ga di kgatlhe, ga di jese leitlho monate. Jalo he, polelo le yone e ne e tshwanetse gore e re, ‘…..o kareng mantlwane…..’ e seng ‘…..okareng mantlwane…..’ Go kwadilwe jalo, e nne gone go kwala sentle, Setswana se tlhamalale.