Naledi

Motsosa o tla berekela LETSWAPO-Makgato

Mopalamente Makgato
 
Mopalamente Makgato

Makgato o boletse se ka Matlhatso kwa motseng wa Machaneng, kwa tshimolodisong ya lenaneo la ESP, a re lenaneo le letla thusa gape go agela badirelapuso ba kgaolo ya gagwe matlo a bonno a le masome a mabedi le botlhano (25).

“Ditiro tsa thulaganyo e e faphegileng e, di mo pontsheng ka jaana ditla direla bontsi ditiro. Banana ba metse ya rona ba ba ntseng ba nna fela kwa malwapeng basa dire gope, batla bona ditiro tsa nakwana,” Makgato a rialo, a bolela gape fa dikompone tse di ntseng di le teng mo kgaolong mme di sa bone ditiro gope, le tsone di tla roba sengwe. O kgothaditse bookamedi jwa tsone go tlhokomela bodiredi jo bo ntsi eleng banana.

Makgato o tsweletse a re mo bogompienong, matlo a boroko ale lesome le bosupa a setse a simolotswe go agiwa kwa Machaneng. A re banana ba le masome a supa le bobedi (72) gotswa mo Machaneng le metse e e mabapi ba setse ba thapilwe ke dikonteraka tse di agang matlo ao.

Ntle le dikago tsa matlo a, banni ba Machaneng ba mo boitumelong jo bo seng kana ka sepe ka jaana ba tsenyeditswe dipone tsa mo mekgwatlheng di le lesome mo motseng. Sengwe se eleng gore sentse se seyo mo metseng ya kgaolo e.

Makgato o tsweletse a re gotla tlhabololwa sepatela se segologolo sa Sefhare a re seo ele maiteko a go leka go fokotsa mosuke oo kwa sepateleng se, se seleng nosi sa motse oo. A re dithulaganyo di tsweletse tsa go tlhabolola tsela ee tswang kwa Radisele e ya Mokobeng gammogo le go agiwa ga ofisi ya Lephata la Temo Thuo kwa motseng wa Sefhare.

“Fa re tlhodumela kwa lephateng la thuto, kgaolo ya me etla agelwa matlo a borutelo ale marataro le ntlwana ya dithuto tsa maranyane ele nngwe.

Metse ee ntseng e diila thata ka letlhoko la motlakase ya Maape, Legoreng le Ngwapa le yone etla gokelelwa motlakase,” a rialo Makgato.