Naledi

Nasha ke mpho ya lerato-BOKO

 

Boko o ne a bua kwa phuthegong ya sepolotiki ka Sontaga ka letsatsi la baratani, fa ba ne ba amogela Ngaka Nasha semmuso kwa Maruapula.

 “Molaetsa gompieno ke lorato,” ga simolola Boko, a re o itumelela gore Nasha a bo a tsile kwa go bone ele baeteledipele ba banana, go tla go ba gakolola fa go tlhokafala teng. Boko a re Ngaka Nasha ke motho o tswang kgakala a bua maikutlo a gagwe mme batho bangwe ba sa rate seo.

“Bona motho yo o sa laolweng ke bolope ebile ele motho yo a bua a sa tshabe sepe” Boko a bo a akgola Nasha jalo. Moeteledipele yo wa UDC, yo gape eleng tautona ya lekgotla la ga puophaa, a re ga ba simolole gompieno go akgola Nasha ka ba tswa kgakala ba dira jalo le fa a santse a le kwa goora Domkraga (BDP). Boko a re Nasha o sekasekile kwa a tswang teng mme a bona gore ga go a siamela motho wa selebego sa gagwe.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa Botswana Congress Party (BCP), Dumelang Saleshando a re jaanong o itumelela gore o tla bo a apere kobo ele nngwe le Nasha.

Saleshando o ne a fenya Nasha mo ditlhophong tsa setshaba ka ngwaga wa 2004 go gapa kgaola ya Gaborone Legare.

Saleshando a re go tla ga batho ba tshwana le Nasha mo go bone ele ba kganetso, ke sesupo sa gore go na le mathata kwa BDP. A re se ke sone sebaka sa gore ele ba kganetso ba ipaakanyetse go neela setshaba puso e botoka.

Motlatsi Molapisi wa Botswana People’s Party (BPP) e ne a re go tla ga ga Nasha go bulela go tla ga maloko a mangwe go tswa BDP se ele go ikgolola mo bokgobeng joo ra Domkraga. “Batho ba lapile ke lehuma, letlhoko la ditiro le tshenyetso setshaba” ga bua Molapisi.

Moeteledipele wa Botswana Movement for Democracy (BMD), Ndaba Gaolatlhe ene a re Nasha o tla ka nako e siameng go tla go ba gakolola, a re se se tla ka nako e bangwe ba neng ba batla go ba didimatsa ele baeteledipele ba banana.