Naledi

Ba Palapye ba nyoretswe 2036

Neo Moroka
 
Neo Moroka

Go utlwa maikutlo a morafe ka se, Naledi ene ya ikgolaganya le bogogi jwa motse wa Palapye le morafe ka kakaretso. Bangwe ba ne ba supa fa Botswana  a fitlheletse ditoro tsa gagwe fa bangwe ba dumela gore lefatshe leno le kgakala thata le go fitlhelela maitlamo a lone.

Mothusa Kgosi ya Palapye, Michael Maforaga a re mo dingwageng tse dintseng di feta, Batswana ba godile ebile baitse kwa ba go yang.

O ne a supa gore ga gona ope yoo tshwanetseng go supiwa ka monwana gotwe ke ene a dirileng gore lefatshe le seka la fitlhelela ponelopele. A re e ne ele maikarabelo a mongwe le mongwe go netefatsa gore lefatshe le fitlhelela ponelopele ya lone.

“Puso e dirile bontlha jwa yone ka jalo Motswana mongwe le mongwe o ne a tshwanelwa ke go dira seabe sa gagwe. Puso e lekile lefa gone gona le dikgwetho tsa madi jalo jalo,” a rialo Maforaga

Maforaga a re botautona ba ba pele le bone ba nnile le seabe se se golo go fitlhelela tebelopele ya 2016. Kgosi a re ba ikaelela go bitsa phuthego mo bekeng ee tlang gotla go buisana ka tebelopele ya 2036.

Mokhanselara wa Maunatlala, mme Salome Lesole le ene o ne a dumalana le Kgosi gore Botswana o fitlheletse go le gontsi ka Tebelopele ya 2016, a re Batswana bana le mowa wa bopelotlhomogi ka jaana ba ba tlhokileng lesego ba le bantsi ba thusiwa ka go agelwa matlo a bonno. A re dikompone, puso, gammogo le batho ba ba ikemeseng ka bonosi ba dira ka thata go netefatsa gore bantsha Batswana ba bangwe mo lehumeng la nta ya tlhogo.

“Banana ba le bantsi ba thusitswe ka mananeo a puso gore ba dire dikgwebo mme ka jalo batswe mo lehumeng. Se ene ele tsela nngwe ya go lwantsha letlhoko la ditiro mo lefatsheng. Nna ke dumela gore re fitlheletse go le gontsi thata,” a rialo Lesole.

Mo letlhakoreng le lengwe, mokhanselara wa Khurumela mo Palapye, George Makhura o ne a tlhalosa fa ene a bona go sena sepe se se fitlheletsweng bogolo jang mo dipilareng tsa gonna tshaba ee rutegileng a re maduo a bana ba dikolo a wela tlase ngwaga le ngwaga.

“A re tota Batswana ba tshwanetse go bereka mmogo go bona gore tsela pedi ba tsaya efe go beetswe mebala ya diphati tsa sepolotiki kwa tlhoko,” a rialo Makhura.

Lefa gontse jalo, makhura o ne a lebogela ditlhabololo tse dingwe tse di dirilweng di akaretsa tsa ditsela bogolo thata ee dirwang kwa Francistown ya sepagethi.

Mo potsolotsong le Matilda Mpe(27) yo eleng monana mo motseng, o ne a supa fa matshego mangwe a fitheletswe mme mangwe a saletse morago. O ne a lela ka letlhoko la ditiro a re o tshwere digerata mme o santse a sa bereke.

Mpe a re lefatshe le tshwanetse la tswa ka metlhale e mengwe ya go fokotsa letlhoko la ditiro jaaka go batela banana ditiro kwa mafatsheng a sele. A re gase botlhe ba ba ka thusiwang ka madi a go bula dikgwebo ka le tsone dika felela di tlhoka bareki.

Mme Soborane Ndiba (49) yo a itshetsang ka kgwebo e potlana ya go rekisa dilekere, diunits le tse dingwe, ene o ne a re o itumelela gore o fitlheletse ponelopele ya lefatshe. A re o kgonne go boloka bonyennyane joa nang le jone mme a ikagela ntlo ya bonno le maseanyane a gagwe.