Naledi

O ile tshekong a tagilwe

 

Odigetse o lebisitsweng melato ele mebedi ya go phoraphora ngwana wa sekolo wa dingwaga tse di tlwase ga lesome le borataro le go senyakaka dithoto.

Kgalemo e dirilwe ke makaseterata yo mogolo, Mme Taboka Mopipi morago ga gore mosekisiwa a balelwa melato ya gagwe.  Makaseterata o ne laola gore Odigetse a dise poo malatsi a le lesome le bone gore a itharabologelwe.

Fa a botswa gore ke eng a ne a tla a itshietse, Odigetse a bolela fa a na le botlhoko mo bonneng ka jalo a leka go ritibatsa botlhoko ka bojalwa. Ya re pele ga a ya go disa poo, Odigetse wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano (35) wa motse wa Moiyabana, o tlhaloseitse lekgotla fa a tlaa ipatlela mmueledi go mo thusa kgang eo.

Go bolelwa fa e rile ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa 2013, kwa mosekisiwa e neng e le morutabana teng kwa Sekgoma Junior, a dira molato ka maikaelelo wa go thuba dikago gammogo ele molato oo masisi, oo kgatlhanong le tsetlana ya molao wa 303 wa Botswana, mosekisiwa a thuba kamore ya nomore 15, ee leng dithoto tsa puso.

Mo molatong wa bobedi, go tlhalositswe fa mosekisiwa a ne a phoraphora ngwana wa sekolo ka go mo tshwara marago. Mosekisi mo kgannyeng eo, Rre Ford Morupisi o boletse fa ditlhotlhomiso di wetse mme bosekisi bo tlaa bitsa basupi ba le lesome le borataro.

Mosekisiwa o tlaa iponatsa gape fa pele ga lekgotla kgwedi ya Mopitlwe e tlhola malatsi a le lesome le bone.

Mo kgannyeng e nngwe, Rre Kebonyemodisa Majatsie wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe, yo gape e leng moithuti wa mophato wa boraro kwa Kutlwano CJSS kwa Gweta, o lebisitswe molato wa go tlhakanela dikobo le ngwana yoo ka fa tlase ga dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borataro.

Go tlhalositswe Majatsie a dirile molato o ngogola, kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi ale lesome le bone kwa Gweta.

Le fa go ntse jalo, mosekisiwa o ipone molato mme o tlaa balelwa dintlha tsa molato kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le supa. Tsheko e tsamaisiwa ke Mosekisi Inspector Phetogo Phillimon wa sepodisi sa Botswana.