Naledi

Banana ba gweba ka setlolo sa Zurii

Setlolo sa Zurii
 
Setlolo sa Zurii

Zulu o diragaditse mogopolo wa gagwe wa go dira setlolo sa Zurii, se a se dirileng ka leungo la setlhare sa Morula. A re o tletswe ke mogopolo o morago ga go lemoga fa mme mmaagwe a sokola ka go reka ditlolo tsa sefatlhego ka go farologanya mme di sa mmerekele.

Go gorogeng ga gagwe kwa diofising tsa Naledi, Zulu a bo a patilwe ke Itumeleng Motsopa le Tapiwa Ron Zhou, basimane ba pheta ka pejana, ba itlola jaaka e kare ba tswa madisong mme ba sa timetsa, motho o ka rialo a lebile ka fa baneng bale matlhagatlhaga ka teng. Itumeleng Motsopa Junior le Tapiwa Ron Zhou ba nna le sebaka sa go tlhalosa tiriso le boleng jwa Zurii.

“Mafura a Zurii Marula a thusa ka go nyeletsa dipadi le tsotlhe tse di sa siamelang letlalong,” go tlhalosa jalo Motsopa. A tswelela a bolela gore Zurii e na motswako wa Omega 3,6,7,9 le Vitamin E o o ko godimo thata.  A re e sireletsa gape letlalo gore le seka la tsofala ka pele, le gore le nne lentle le borethe.

Zulu a re setlolo se, ga sena diphatsa dipe, kana ditlamorago tse di amang letlalo lengwe le lengwe. Fela jalo, Zulu a re setlolo se sireletsa motho gore a se tshubiwe ke letsatsi.

Borre ba, ba tlhaloseditse Naledi fa setlolo se sa Zurii sena le motswako wa Manoko, ba tlhalosa jalo gore batho ba ba ilanang le monko wa Manoko ba itse se mme ba bone ba bongaka pele ga ba se dirisa.

“Ga re bolelele batho maaka, re bua nnete gore Batswana ba nne le tshono ya go bona bomolome jwa setlolo se,” ga bua jalo Motsopa. A tlhatswa ntlha ya gore Zurii ga e na metswako e e borai “chemicals” ka jaana a ka senye letlalo mo dingwageng.

Ba kopile Batswana gore ba ba rotloetse ka mafura a bone ka ga a ture gape a dirisiwa ke batho ba ba tlotlegileng jaaka seopedi Rihanna. Zhou a latlhela lal gagwe a re, “setlolo se, ke sa Botswana tota ka jalo re kopa thotloetso le tirisanyo mmogo ya Batswana.