Naledi

Ba Modipane ba ipaakanyetsa BOT50

Khama o bolotsa lebelo la Molelo wa kgolagano goya BOT50
 
Khama o bolotsa lebelo la Molelo wa kgolagano goya BOT50

“Sa re go tswa tsatsing, se ikise moriting,” ya bo ele mafoko a ga Rre Moneedi Mokgwa, mogokaganyi wa tiro ya go aga leobo, le eleng bontlha bongwe jwa go baakanyetsa ipelelo malatsi a boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe la Botswana le ntse le ipusa (BOT50).

Mokgwa o tlhalositse lebaka le le dirileng gore leobo le le agwe, a re Kgosi ya re, ba bo ba kile ba kopanela mo letsatsing mme marara a bona go le botoka go aga leobo gore ba itshireletse.

“Mogopolo o o simolotswe ke marara mme ka gotwe ‘motho ke motho ka ba bangwe’, ba bona go le botoka gore ba o rerisanye le morafe,” Mokgwa a tlhalosa jalo.

Mokgwa a re go tlhamilwe dikomiti tse di tla okamelang kago ya leobo mme ba itlamile go kgobokanya madi ka go ntsha lekgolo (P100) mongwe le mongwe wa bone.

O tlhalositse gape fa mo bogompienong ba setse ba dirile moalo wa kago kana motheo mme ba ne ba eletsa gore ba ka fetsa dikgwedi tse tharo pele ga ba ipelela Boipuso jwa masome a matlhano (BOT50).

“Re tlaabo gape re ipela ka lengwe la maitlamo a ga Tautona Khama la boD ba bane, eleng go tsolosa seriti,” Mokgwa a rialo, a tlhalosa fa leobo le tlaabo le tsenya batho ba le lekgolo. Mokgwa a tswelela a bolela fa tota batho ba Modipane ba itumetse fela thata ebile fa ele bone ithaopelang go aga leobo le.

“Go tswa ko baneng go ya ko mogolong, botlhe ba tsentse letsogo mo kagong e, ebile ka go sa hirwa kompone epe go agiwa,” Mokgwa a rialo mme konelela ka go kopa dithuso tsa dikompone mo tirong e.