Naledi

Captain Dira o golola � Mmaarona..

Kapetlana ya alebamo e ntsha
 
Kapetlana ya alebamo e ntsha

Alebamo e ya ga Captain Dira, ke ya botlhano mo nokeng ya gagwe, e latela tsa gagwe tsa ntlha eleng Matalanyane, Ke ise ke je ya dipina di akaretsa Mmantwa le Shangwari, Rraagwe Software volume I le Rraagwe Software volume 2 e e neng ya tuma thata ka pina e le ya Ke a ikepela. Dialebamo tse tsotlhe di na le dipina di robabobedi nngwe le nngwe.

Mmaarona le yone e na le dipina di robabobedi, go supa bokgoni jwa ga Captain Dira ja go akanya le go kwala, sengwe se a reng o santse a dumela fa e le sone se mo tshwereng mo mererong e ya mmino, a bolela fa dipina tsotlhe tse di tlhgisitswe le gone go kwalwa ke ene ka sebele. Alebamo e ya Mmaaarona e simolola fela ka pina ya ntlha eleng Lorato e e opelwang monate lentswe la ga Captain Dira le utlwala sentle, a bolela fa dikgomo di siile ka marole maloba, a re kgarebe maru a se nang tladi malematsa, ga se gore ga ke go bone gore o dira eng. Pina e e bua fela ka lorato le le neng le tiile, jaanong le senngwa ke boaka.

Ntlela o bo o itlela pina ya bobedi e yone e buang ka banna ba ba jelwang madi ke basadi kwa dibareng, a re kgarebe moraba ntlele o bo o itlela, ra di bona dilo, ra di utlwa dilo, ga di go tshwere dibabalase go botlhoko, batho le tsaya jang ba bangwe. Fa le gone ke tlhagiso ka tiriso ya mmino, e Captain Dira a e dirang motlhofo fela, ke pina e e binegang gongwe le gongwe.

Mmaarona ke setlhogo sa alebamo, e yone e kopanetsweng ke Captain Dira le Da-Rula ba bolela fa mosadi a tshwanetse go nna motlotlo ka ene, ba re gata fela kgarebe , setshaba ke seo se go meletsa mathe, bina phikoko e ntle, thipa e tshwarwa ka fa bogaleng. Ba re mosadi o tshwannwa ke poko, ka ke ene mmadikgomo.

Ke le kana ke pina ya bone mo alebamong e, fa jaanong Captain Dira o bua ka go tshwanelwa ke go rotloetsa talente e batho ba nang le yone, a opela monate a re ke kgarakgatsha loleme la Setswana, ke le kana ke direng ka yone, a re o ne a lora mosadi a apere mosese o mosweu.

Tebele ke pina ya botlhano e yone e leng ya mmino o o iketlileng wa go sidila maikutlowa Jazz, ke pina e e supang fa Captain Dira a ka dira bontle thata ga a ka tsena mo mminong o ka tlhwaafalo. O opela fela a rotloetsa Batswaba go ipela ka lefatshe la bone. A re Tebele le le kwa ga mmaago le kwa ga mme le teng, re ipela ka Botswana, baya Botswana kwa pele. Barati ba mmino wa Jazz ba tla a akola le go itumelela pina e, gongwe le gongwe fa ba leng teng.

Dipina di tlhomagana jalo ka go latela pina ya borataro ya Tobe, e e buang ka motho a bone lekgarebe la boammaaruri, e bua ka motshameko o le wa bogologolo wa mantlwane, a re phunya morama, morama go jewa o o phunyegileng, ga ne lerato le seyo nna nkabo ke seyo. E dira monate thata ke lentswe la mmoki rraagwe Sonobolomo, yo a reng a bue fela a kgwe molalatlhageng.

Dibabalase le Tshwene e e leng Jazz le tsone di tshotse melaetsa e e nonneng ya Setswana, dibabalase ya re bontsa ba a reka, bontsa ba a nowa, go jewa bosigo go botlhoko, fa Tshwene yone e le go tlotlomatsa bojalwa jwa Setswana, maswe a dinala, tlotlang kgosi tse di tona ka e le bone tsela ya boammaaruri.