Naledi

Buffaloes e tlhaphololela teemane menwana

Buffaloes e thuntshitse lerole
 
Buffaloes e thuntshitse lerole

Morago ga go tshameka dingwaga di le dintsi mo liking ya Debswana, kwa ebile se kileng sa gomagometsa go tlhatlogela kwa go e kgolwane ya beMOBILE, Buffaloes e ne ya rengwa botlhoko ke selepe sa magagane.

Fa motho a ka botsa Buffaloes gore fa e le liki ya ntlha ya Debswana le ya dikgaolo ya Kgatleng, e e thata ke efe, Mochudi Buffaloes ba ka araba fela ka gore ‘ke ya Kgatleng’, mabaka e le gore ba ne ba solofetse gore ba tlaa tshameka ngwaga e le nngwe fela mo liking e.

Go ne ga hakgamatsa barati le balatedi ba setlhopha se go bona se palelwa ke go tlhaba ngwaga e le nngwe fela se bo se tlogelwa ke sa Mochudi Rovers se se neng sa tlhatloga ngwaga e Buffaloes e tsileng ka yone. Dipina tsele tsa dingwaga tse di fetileng tse Buffaloes e neng e letsa moretlwa ka tsone di ne tsa tima ga ba gare tuu! kwa Ditshibidung le Makakatlela.

Ke monongwaga fela jaanong go lebega Buffaloes e ka nna ya iphitlhela e epa teemane ya Debswana ka e le yone e gogang loko ya Kgatleng kwa tlhogong. Mme go bonala gore e mo maikaelelong a go rotolela matlho a yone pele. Fa e le go bonya gone ga e batle go go dira.

Liki e ya Kgatleng le fa Buffaloes e le kwa setlhoeng jaana, gase gore e bonolo ka gope. E thata ya lentswe ka gona le ditlhopha tse di mashetla di tshwana le Oodi, Fast XI, Mokatse Mountain Birds, Oodi Black Aces le Bokaa Pirates, tse le tsone di lorang teemane ya Debswana fa di tsena mo mabaleng. Se jaanong se dira gore Buffaloes e lwe ntwa ka tlhwaafalo gore e kgone go boela kwa e ntseng e le teng.