Naledi

Liki ya CELIAT e a thuthafala

Metshameko yotlhe ea kgatlha ka go sena motshameki ope yoo batlang go salela morago ka mongwe le mongwe a itse gore Motswana a re ‘Phokoje wa morago dintsa di a mmona.’ Eleng seo go ka se nneng ope yo o ka batlang go salela morago mo kgaisanyong nngwe le nngwe.

Le fa batshameki ba lwa ka tlhwaafalo jaana, CELIAT yone e eme sentle ka dimpho tse ba eletsang go di neela bafenyi. Se ke sone tota se dirang gore metshameko e ebo e le thata jaana. Batshameki ba itse fa ditshimega di tlaa ya kwa magaeng ka meputso morago ga tiro e ntle ya bone. Go ya ka mogolwane wa BTTA,  Kudzanani Motswagole, liki ya monongwaga e mogote thata go gaisa ya ngogola. O boletse gore le fa e sa bolo go simolola jaana, ga go ise go nne bonolo go bona gore e ya go fenngwa ke mang. A re le bone ba e neng e le ditshimega ngogola, ba tsena mo tafoleng go thulana le batshameki ba ba ipaakantseng thata.

Motswagole a re ngogola liki ya CELIAT e ne ya fenngwa ke Bonolo Mabote mo letlhakoreng la banna, fa mo basading go ne ga fenya Boitshwarelo Butale, ba ba lwang ka gotlhe go sireletsa dikorone tsa bone. A re motshameki a tshwana le Thobo Matlhatsi le Joseph Kgatlampane, Kola Modisathebe, Kennete Santutu, Tiro Lesomo, Rorisang Raesima, Mcdonald Qalinge le bone ba tshotse fomo fela e e itumedisang thata.

Ka fa basading gone gona le Phemelo Gaborapelwe, Matshidiso Osi, Tshepiso Rebatenne, Namibo Mbulawa, Hetweg Kangootuie, Salome Matlhatsi, Olerato Ramagapu ba le bone ba tlaa neelang Butale bothata jo botona mo go sireletseng bosimega jwa gagwe.