Blogs

A re tsenya moko mo nameng ?

Ga twe kgosi o ne a lela ka gore badirela puso koo, ba dira tiro ka go itsapa; A re maphata a puso a goga dinao mo tirong; ke gore ga go dirwe tiro ka tlhoafalo. 

Ga twe gone mo phuthegong eo, kgosi o ne a re, ga go a siama gore e re fa badirela puso  ba na le mathata a bone koo, ba a rwale, ba a ise kwa tirong, ka a ka tshela Batswana madi a kgofa. 

Pego e tswelela e re, kgosi o ne gape a kopa  bagolwane ba maphata go ne ba etela maphata a bone go bona gore tiro e dirwa jang. A re ba ete gangwe le gape kgotsa nako nngwe ba tle ba sa bolela; ke gore ba we fela jaaka leru.

Go bolelwa fa e rile  a araba selelo se, modulasetilo a bolela fa  a kile a bitsa bagolwane ba maphata go ba rotloetsa go dira ka natla.

Godimo ga moo, a bolela fa a lemogile fa go na le mowa wa go itsapa, go itsemeletsa mo tirong.

A re seemo se, ga se a siama , se tshwanetse go fetoga gore Batswana ba thusiwe ka nako le ka  botswerere. Pego ya re modulasetilo o ne a kopa badirela puso go ema ka dinao, ba dire tiro ka tlhoafalo, e seng ka go itsapa.

A otlhe ya nna mafoko a mantle. Fa dijo e rile di ne di apeilwe, tsa se ka tsa butswa sentle, yo o di jang o tshwanetse go ikuela gore dijo tseo, ga di a apeega kana ga di a butswa. Yo o apeileng le ene o tshwanetse gore e re a utlwa mafoko a gore dijo ga di a apeega, a lebe, a bone gore molato o dule fa kae. Se se ka mo thusa gore e re ka moso a apeye  botoka go na le gompieno.

Tiro nngwe le nngwe e ntse jalo. Tiro e ka dirwa, mme fa e dirwa go sa tlhwaafalwa, ya se ka ya direga sentle. E ka pala go dirwa kgotsa ya dirwa ya fela mme ya se ka ya wela sentle. Gore e dirwe sentle, ke gore botlhe ba ba e dirang, ba e emele ka dinao, go se nne kgang ya gore, tiro ya kgosi e bolaya lesilo.

Ga re itse seemo sentle kwa Kgatleng mme pego ke eo  ya re tiro ga e dirwe sentle; ba ba e dirang, ba dira ba goga dinao. Gore tiro e tswelele sentle, ke gore ba go buiwang ka bone ba leke go dira botoka go na le jaaka ba ntse ba dira. Ba kgothadiwe, ba thusiwe fa go tlhokegang teng mme le bone ba iteke.

Dikgang/Daily News (MosupologoTlhakole 08 2016) fa e bega ka phuthego ele ya Bokaa ya re;

‘Modulasetilo .....a kopa badirelapuso gore ba bereke ba tsentse moko mo nameng e seng gore ba felele ba tlhobogiwa ke setshaba.’

Ke yoo modulasetilo o bolelwa a tshwenyegile thata a batla gore badirela puso ba dire tiro ka botlalo.

Ke eo Dikgang/Daily News ya re modulasetilo o ne a kopa badirela puso go tsenya moko mo nameng. Potso ya ga Mmualebe gompieno ke gore, a go teng go tsenya moko mo nameng? A e a re fa re batla go dira tiro re tlhagafetse, re re re tsenya/tsentse moko mo nameng?  

Motswana o na le mafoko a le mantsi a a ka a dirisang go supa gore o tlhagafaletse go dira tiro. O ka re o nole tlhoa. Gape o ka re o itomile molomo wa tlase, a re o tsositse dinao; ke gore ga a goge dinao, kgotsa a re o thantse mowa. A dirise le mafoko a mangwe a mantsi a a leng teng, mme ga e  ke e re ka nako epe, a re o tsentse moko mo nameng.

Go tsenya moko mo nameng go dirwa fa go apeilwe. Ba ba itseng e a re ba apeile nama, ba thule/thube marapo ba ntshe moko mo go one. Moko oo, o tsenngwe mo nameng go e natefisa, gore e se ka ya nna tshetlha fela, ya nna bosula.

Fa go dirwa jaana ke gone go twe go tsenngwa moko mo nameng. Go tshwane fela le fa nama e ne e tsentswe mahura.

Fa re le mo tirong ga re tsenye moko mo nameng.  Re tsenya marapo dinameng, re raya gore, re dira tiro re tlhagafetse, re sa itsape kgotsa go itsemeletsa.

Gore Dikgang/Daily News e re badirela puso ba tsenye moko mo nameng, e a latlhega, e fapoga Setswana.  Re tsenya marapo dinameng, re tie moko, re ngone mowa, re bo re dirise le a mangwe mafoko a a leng teng mme e seng go tsenya moko mo nameng. Moo gone ga go yo. motshwanes@yahoo.com