Blogs

A lebogwa a dirile eng?

Re setse re kile ra kopana le dipolelo dingwe tse di neng tsa  kaya fa mangwe mapalamente a ne a  tshwara diphuthego tseo. Mme gompieno re ne ra kopana le polelo nngwe ke eo, e supa gore e ne ya re ka yone kgwedi eo, ngwagatlola, mopalamente wa Takatokwane Rre Friction Leuwe, a ne a tshwara phuthego ya kgotla kwa Salajwe.

Ka fatshe leno le namile, le atlhame, mme mafelo mangwe ga re a itse, gongwe bangwe ba bo ba ka botsa gore  yone metse eo, e kae, e ntlha efe ya Botswana. Karabo e re, metse eo, Takatokwane le Salajwe, ke mengwe ya metse ya Kweneng Bophirima. A jaanong re re, o etela koo mme ga o itse tota kwa o go yang. Re re, tsena ka motse wa Letlhakeng o botse mme ba tlaa go baya tsela. Tsela nngwe e tlaa tswa, e lebe Bophirima mme e go gogele Takatokwane. E nngwe e tlaa tswa, e lebe bokone, eo e go gogela Salajwe. O sena go kaelwa tsela, o e wetse, o tlhwaafale o letse mpheetshane e seng jalo, le tlaa go siya.

Re botse ka maina a metse eo mme fa ba bua ba re, lefelo le motse wa Takatokwane o leng mo go lone, ke lefelo la mmu o morokwa, kana o morokwana. Ba re jalo he, leina la motse oo la thaega e le Takaethokwana, taka go rewa one mmu  oo, taka e thokwana; mmu o morokwana. Ka dilo di a tle di nne di kgabisiwe, ga twe, ga direga jalo ka leina le. Fa le ntse le bidiwa la felela e le Takatokwane jaaka re utlwa le bidiwa gompieno. Go sale foo, bangwe ba le kgabisetse pele ba le bitsa ka sekgowa ba re Taketwo. Bangwe gape ba re motse oo, ke one Talktoquaint. Fa re botsa ka leina la Salajwe, ba ba neng ba bua ba re ga ba itse mme fa ba ntse ba fopholetsa ba utlwa leina le re Sala jwa, le raya gore, sala jalo. Gape ba re, ga ba itse gore yoo, o ne a sala go rileng. Re re, seo, e ne e le go go fa lesedi fela ka metse mengwe ya fatshe la rona. Jaanong, a re lekele pele.

Fa re ntse re tla le polelo, re utlwa e supa fa mopalamente Rre Friction Leuwe, a ne a  gata fela jaaka mapalamente a mangwe a ne a gata ka nako ya diphuthego tsa bone. E le a gata jang Rre Leuwe? Ga twe, o ne a  supa fa popagano le tirisanyo mmogo di ka thusa gore ditiro tsa  ditlhabololo di bonale, motse o tswelele pele. Motswana a gatelele ka gore a re, ba le morafe, ba tshwanetse go dira ba le seoposengwe, ba le mowa o le mongwe .Fela jaaka

 Motswana a rile, ‘E tlala ka melatswana,’ re utlwa gore Rre Leuwe a kopa morafe go mo ema nokeng gore ene le makhanselara ba kgone go dira tiro ya bone sentle; re re, gore tiro ya bone e tswelele, tema e se lale gope. Mme a nna a se ka a felela foo mopalamente. Ga twe a supa gore o eletsa go bona badirelapuso ba tshwerwe sentle, e bile ba dira le morafe ka kagiso le tshosologo; ke gore, ba phuthologile. A fetela pele a re, modirelapuso ke motho fela jaaka motho mongwe le mongwe mme le ene o kgona gore  a fose, a se dire sentle. A kopa gore, e re fa golo gongwe modirelapuso a dirile phoso a gakololwe sentle.

Polelo ele ya phuthego ya Salajwe, re e fiwa ke Dikgang (Daily News) Hirikgong 10 2018.

Fa e bua ka fa e reng Rre Itebogeng Merafe o ne a bua ka teng a leboga, polelo ya re;

‘…..o ne a leboga mafoko a  mopalamente a go tshwaragana le go dira mmogo.’

Potso e nne yone ya gale ya gore, a o bona go le phoso nngwe fa godimo fa. Fa phoso e le teng, ke efe, ke eng e le phoso mme o ka e baakanya jang? Re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bona phoso e le gore go twe Rre Merafe o ne a leboga mafoko. Fa o botsa gore ke eng re re seo ke phoso, re re, ka tlhomamo, ga  go lebogiwe tiro, go lebogiwa motho yo o neng a dira tiro eo.

E le sekai, a re re Wapitse o tsena fa go Sapelo mme o itela tlala. Ka o apeile, Sapelo ga a nne thata, o tsholela tsala ya gagwe.  Wapitse o a ja, o a fetsa mme o raya Sapelo a re, ‘Ke a leboga rra o nthusitse.’ O fetela pele a re, ‘Ke lebogela dijo tsa gago di monate thata.’ Fa, re bona Wapitse a leboga Sapelo ka o mo file dijo. Mme gape o lebogela dijo tse a di filweng.

Jaanong fa Motswana a utlwa go twe Rre Merafe o ne a leboga mafoko a mopalamente, o tlaa botsaa gore mafoko ao, a lebogwa, a lebogiwa, a dirile eng. Karabo re e tlhoke ka jaana mafoko ga a a dira sepe. Tiro e dirilwe ke mopalamente, jaaka ba tle ba bue, a buisa phuthego. Jalo he, go tlhamalatsa Setswana, polelo e tshwanetse gore e re, Rre Merafe o ne a lebogela mafoko a mopalamente. E se re o ne a a leboga, foo, se a sokama Setswana.