Blogs

A e tlogele ka

Gone foo, ra supa fa re setse re kile ra kopana le dipolelo dingwe tse di neng di kaya fa e ne ya re ngwagatlola, le ngwaga ono, mapalamente mangwe a tshwara diphuthego tsa go nna jalo. Mme gompieno re bowa re kopana le polelo nngwe ke eo, e bolela fa e rile ngwagatlola, mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talitha Monnakgotla, a tshwara phuthego ya kgotla kwa Maake. Rotlhe re itse gore, fatshe leno le namile, le atlhame, le tshwana le marota a e rileng thukhwi a re o lobelo, one a re a namile. Ba re, a sena go ipoka, a tloga a taboga thata  thukhwi mme a felela nageng, fa marota one a ne a ntse a namela pele. Re re, le ntse jalo fatshe jeno. Se akanye gore o ka le tsamaya, wa le wetsa, wa bo wa le itse lotllhe. Nnyaa. Jaanong, re le Batswana, mafelo mangwe a lone ga re a itse. Jalo he, gompieno, ga re ka ke ra kaya ka botlalo gore motse o wa Maake o fa kae mo Botswana fa e se fela gore, jaaka polelo e bua, o mo Kgalagadi Bokone. Gape, o kaiwa o tshwaraganngwa ke tsela le metse ya Lehututu le Hunhukwe. Re re, Hunhukuwe ene ga re mo itse, e bile ke la ntlha re mo utlwalela. Wena fa o mo itse, o ka mo kaya sentle gore o fa kae. Thusa, matlo go sa mabapi.

Go gatela pele re re, go bonala fa morafe wa Maake o sale o ledile ka lenyora mme e bile ba setse ba tshoga gore, ba ka nna ba sala ba iphotlhere leruo la bone le motilwe ke go tlhoka metsi. Jaanong, phuthego ya bidiwa go ya go lekodisa morafe ka seemo sa thulaganyo ya go o gokelela metsi. Ga twe, mopalamente, Mme Monnakgotla, a tlhalosa fa thendara ya go gokela metsi go tswa kwa Ncojane e sa ntse e le fa pele ga kgotla ya ditsheko. Gore molato, kana, mabaka, ke eng go bo thendara e le koo, ga re itse ka gore polelo ga e bue sepe ka seo.

Re utlwa gore a feta ka kgang ya metsi mopalamente mme a lebogela sekole se se botlana sa motse oo, go bo se  ne sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa (e seng lekwalo la) bosupa tsa ngwaga wa 2017.  Ga twe, go bona go ntse jalo, a kgothatsa batsadi go tswelela ba tshwaraganye le barutabana ka tshwaragano eo, e ka thusa go lere maduo a e leng one, mme seo se thuse go tsholetsa serodumo sa kgaolo. A tlatse mafoko ao Motswana a re, ‘Kgetsi ya tsie ke go tshwaraganelwa’ fa ngwana ene e le lekuka a sokelwa. Re re, a go nne jalo. Ga twe, a nna a fetela pele mopalamente a kgothatsa ba ba neng ba thusiwa ka mananeo a a farologanyeng a puso go a dirisa sentle gore ba kgone go tlhatlosa botshelo jwa bone.

Go ya ka polelo, mopalamente Mme Talita Monnakgotla a bo a ne a se nosi kwa phuthegong ele ya Maake. Mogolo mongwe gape ya bo e ne e le Kgosi Boipelo Moilwa. Ga twe le ene a gatelela fa e le dingwaga motse wa Maake o ntse o lela ka metsi a leruo mme go se epe thuso. A supa fa seemo seo, se le maswe ka jaana bontsi jwa batho ba se na ditiro tsa tlhomamo jaanong ba leka botshelo ka Ipelegeng.

Gape, a gatelela gore seemo se, se maswe ka jaana bontsi jwa batho ba felela ba reka metsi go nosa leruo mme bangwe e le ba ba neng ba thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma. A supa fa se, se sa thuse ka jaana palo ya batlhoki e tswelela e golela pele. Re dumalane le kgosi gore, se, ga se seemo se se monate.

Mme ka ke ao metsi a bolelwa a tlaa tswa Ncojane, a re solofele gore a tlaa goroga, botshelo bo tokafale. Kgosi a se ka a felela foo. Gape, a kopa gore ba tshelelwe lekgarapana mo tseleng e e golaganyang Maake le metse ya Lehututu le Hunhukwe. Go kaiwa fa mosepele mo tseleng eo, o se motlhofo. Re re, re lela le ba garona. A tsela e tokafadiwe, mesepele e nne bofefo; batho ba se felelwe ke mhago nageng.

E rile re ntse re anapa, ra kopana le Dikgang (Daily News) Hirikgong 10 2018 mme ra sela polelo ele ya phuthego ya Maake moo. Fa e bua ka fa e reng Kgosi Boipelo Moilwa o ne a bua ka teng ka tsela ya Maake  le Lehututu, polelo ya re;

‘ …..o ne a kopa gore ba sekasekelwe ka go tshelelwa lekgarapana mo tseleng e e ba gokaganyang le …..’

Jaaka gale re re, leba fa godimo fa mme re utlwe gore wa reng. A o bona phoso nngwe foo, kgotsa, nnyaa. Fa o re ga go phoso epe, ke eng o bua jalo? Gape, fa go le phoso nngwe, ke efe, ke eng e le phoso mme o ka e baakanya jang? Ga re itse gore o tlaa araba o reng. Rona re bona phoso e le lefoko ‘ka’ fa go twe kgosi o ne a kopa gore ba sekasekelwe ka go tshelelwa lekgarapana. 

Go tlhalosa karabo ya rona re re, go sekasekela go raya go akanyetsa. Jalo he, a polelo e tlogele lefoko ‘ka’ mme e re, kgosi o ne a kopa gore ba sekasekelwe, a raya gore ba akanyediwe, go tshelelwa lekgarapana; e seng ba sekasekelwe ka, ba akanyediwe ka, go tshelelwa lekgarapana. Jalo, go tlhamalale.