Blogs

A noko eo e tlogelwe

A bo a setse a boletse phiri a re, ga bo se gangwe. Jalo he, e re ka le le latelang, o tsweledisiwe gore ke gone o tle o wele. Go diregile jalo  ka kgang ele ya rona e re neng ra e alela ka polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Maake. Ga direga jalo ka gore, jaaka re kile ra bua, re segetswe molelwane mme fa re tsena foo, re tshwanetse go ema, ga re tlole. Jalo he, motlha mongwe, ga e ke e re gone foo, re kgona go bua ka tsotlhe tse e neng ya re re ntse re anapa ra di sela. Go ntse jalo, go re re ngathe mme re tle re boele mo gongwe nako nngwe. Ga nna jalo wa lala mosepele jaanong re a o boela go o wetsa.

Go tswela pele re re, maloba re ne ra utlwa fa morafe wa Maake kwa Kgalagadi Bokone o sale o ledile ka lenyora mme go fitlha nako eno, selelo seo se ise se kgaodiwe ka tsela epe fela; se ntse se tsweletse. Ga bonala fa seemo se le maswe mo morafe o bileng o tlhobaela gore o ka nna wa itshalela fela, leruo la one le fetile le lenyora; le bolailwe ke go tlhoka go nwa. Re dumalane gore e ka nna seemo se se maswe. A tshele jang Motswana a se na kgomo makgomola diretseng? Botshelo bo nne thata.

Go sale foo, gape ra utlwa fa mopalamente wa kgaolo eo, Mme Talitha Monnakgotla,  a ne a tshwara phuthego gone kwa Maake, go lekodisa morafe ka thulaganyo ya go gogela metsi kwa Maake a tswa Ncojane. Mme gone foo, mopalamente a bolela fa thendara ya tiro eo, e sale kwa kgotleng ya ditsheko. Re re, re bona fa jaanong tiro e tlaa nama e eme, mme selelo sele se nne se tswelele. Fela, ga utlwala fa mopalamente a ne a bolela fa e tlaa re go sa letilwe tiro go wela, khampne ya metsi, Water Utilities Corporation, e name e tshelela batho metsi ka dikoloi kwa malwapeng.  Gore a mme metsi ao, a tlaa lekana go nosa leruo, ga re itse.

Ga nna ga fetela pele mme ra utlwa gore a se na go feta ka kgang ya metsi Mme Monnakgotla a akgolela sekole se sebotlana sa motse go bo se ne sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa tsa ngwaga wa 2017. E le ofe yo o ka se ke a itumelele tiro e ntle eo? Ga twe, go bona jalo, mopalamente a kgothatsa batsadi go tswelela ba tshwaraganye le barutabana gore maduo a nne a tswelele jalo ka a ka thusa go godisa serodumo sa kgaolo.

Ga nna ga tla mme re utlwa gore Kgosi Boipelo Moilwa a gatelela fa seemo sa metsi se befile, se le maswe thata  ka barui ba tlamega go rekela leruo metsi le mororo bangwe ba ne ba thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma.  Kgosi a bona fa se se sa thuse ka jaana palo ya batlhoki e tlaa tswelela e golele pele. Re nne re re, fa go ka nna jalo, go bo go se monate.

Re setse re boletse fa polelo ele ya phuthego ya Maake re e tletswe ke Dikgang (Daily  Newa) hirikgong 10 2018. Fa e bua ka fa e reng Kgosi Boipelo Moilwa o ne a tlhalosa ka fa seemo sa go tlhoka metsi se leng maswe ka teng, polelo ya re;

A re seemo seo ga se thuse….. ka jaana palo ya batlhoki e tsweletse ka go oketsetsega.’

Go digela mosepele re re, ka a mabedi fela mme ga a bonele gongwe a re utlwe gore wena o bona eng. A fa godimo fa, o bona phoso nngwe, kgotsa, ga o bone epe phoso? Fa o re ga go epe phoso re botse gore ke eng o rialo.

Mme gape, fa o re go phoso nngwe, re re, phoso eo, ke efe, ke eng e le phoso, mme e ka baakanngwa jang? Re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng. Fela, rona re bona phoso e le lefoko ‘oketsetsega.’  Gongwe o nne o botse gore ke eng re re phoso e foo. Go go araba re re, rotlhe re itse fa letlhaka la mabele, mmidi, le ntshe, le na le dinoko (nodes). E re Thetlwana a kopa Pupudu ntshe a re, ‘Tlhe mma nthobela noko tse pedi foo.’  Pupudu a tlhaloganye, a dire jalo a mo robele noko tse pedi tseo. Mme gape, fa ba ruta ba re mafoko le one a na le dinoko (syllables).

E le sekai ba tlaa re, lefoko ‘thukhwi’ le dinoko pedi, e le thu, khwi. Ba re marota lone le na le dinoko tse tharo, e le ma ro ta. Jaanong fa godimo fale, re bona lefoko ‘oketsetsega’ le na le dinoko tse tlhano fa tota dinoko tseo, di ka bo di le nne. Re re, go baakanya phoso eo, go kwala sentle, a noko e nngwe eo, e leng ‘tse’ yo mongwe yole, e tlogelwe. Go dirilwe jalo,lefoko leo, le tlaa felela e le ‘oketsega’ le na le dinoko tse nne,  mme e nne lone lefoko la nnete. Jalo he, polelo e ne e tshwanetse gore e re, …..palo ya batlhoki e tsweletse ka go oketsega e seng  ‘…..ka go oketsetsega.’ Go kwalwa, go buiwa, jalo e nne sone Setswana tota.