Naledi

Kwerepe o tsewa tsia-Kgari

Gaerolwe Kwerepe SENEPE: Keagisitswe Dioka
 
Gaerolwe Kwerepe SENEPE: Keagisitswe Dioka

Kgari o tlhalositse jalo mo potsolotsong le Naledi Bosheng a re gangwe le gape ele boeteledipele jwa kgaolo le bogogi jwa BDP, ba etela mabutswapele a polotiki go ya go bua le bone ka ditogamaano tsa phathi ga mmogo le gone go kopa dikgakololo mo go bone mabapi le dikgang tsa sepolotiki le ditlhabololo tsa kgaolo. 

Kgari o tsweletse a tlhalosa fa ba ise ba kopane gope le dikgang tsa go sa tshwarwa sentle ga bao ba ba diretseng lefatshe leno mo sepolotiking.

Le fa go ntse jalo, Rre Kgari o tlhalositse fa mabutswapele a tsewa tsia mme a lopa gore baseka ba tsaya gore ba tlogetswe kwa morago le ntswa ba lalediwa go tsenelela diphutlhego tsotlhe tsa phathi.  .

Ya re a ntsha la gagwe, Rre Collen Madimabe mo Maun o tlhalositse fa sengwe le sengwe se nale nako ya sone. A re e ne e le tshwanelo ya mabutswapele go direla lefatshe la Botswana ka nako eo. “Go jewa go sutelwana, puso e thusa bagodi ka madi.”

 

 

 

 

 

Modi wa kgang ke gore, Mopalamenete wa pele wa Nhabe Rre Gaerolwe Mesho Kwerepe o ne a umakile gore  ene le mabutswapele ga ba tlhokomelesege ntswa ba diretse lefathe leno ka boyswapelo.

Garekwe o buile se bosheng kwa kgotleng kgolo ya goo- Tawana fa a bua ka ditso tsa Maun mo kamogelong ya molelo wa kgolagano oo raletseng lefatshe leno ka bophara .

Kwerepe a re lefatshe leno ke lone fela le saletseng ko morago ka go itlhokomolosa mabutswapele a polotiki fa go tshwantshanngwa le mafatshe aa mabapi.

A re mo sepolotiking sa maloba go setse ene, Rre Ketumile Masire, Obert Chilume, Kebatlamang Morake gammogo le Rre Kenneth Nkhwa. O tlhalositse fa bangwe ba mapalamente a maloba ba le masome a mararo le bongwe ba setse ba iketse badimong.Kwerepe a re ga ba tsewe jaaka bagaka ntswa jaanong ba godile e bile ba sa tlhole ba nale dithata tsa go ka iperekela. Le yone tlotla fela ea pala gore re e fiwe go supa fa re diretse lefatshe leno.”

Kwerepe a re puso e tshwanetse go tswaya boikarabelo jwa go bona gore ba tshela jang ga mmogo le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone.

E re go ntse jalo, Rre Kwerepe o boletse fa sepolotiki sa gompieno se sa tshwane le sa maloba. A re diphathi tsotlhe di itaana ka noga e tshela, seemo se a kaileng fa se ne se utlwalelwa kwa mafatsheng a sele mo metheng ya bone. A re Domokrag ya gompieno ga e na kagiso fa go tshwantshanngwa le ya bone ya bogologolo.

A re ene one a ititeile ka thupana go direla lefatshe leno ka bopelotele le mowa wa boipelego. O tladitse ka gore o ne a ikgethetse go thusa bangwe barutabana ba ba neng ba tlogetseng tiro ka bogodi. A re one a ba fa dipula di le makgolo a mararo, dikgomo tse pedi le kgetsi ya mmidi go itshetsa. O gateletse ka gore go dira jalo, o ne a ipelafatsa ka go direla lefatshe la gagwe.

Rre Kwerepe o tshotswe ka ngwaga wa 1929 kwa Ledibeng la ga Moxaisa gaufi le Komana. O simolotse dipolotiki ka ngwaga wa 1964 a tlhophiwa go nna mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Ngami go fitlha ngwaga wa 1994 a ya go itapolosa.

Le fa go ntse jalo, Rre Kwerepe le ene fela jaaka Batswana ba bangwe o lebogetse molelo wa kgolagano a re o solofela gore o tlaa tlisa kagiso le thokgamo ee sa feleng mo lefatsheng leno.