Naledi

Khansele ya Legare e supiwa ka monwana

Mogwebi wa monana - Benny Thomas
 
Mogwebi wa monana - Benny Thomas

Thomas o buile se bosheng kwa tshimolodisong semmuso dikago tsa marekisetso a magolo a atla agiwang kwa Palapye mme o ne a bidiwa fela gotwe Diphalane Junction Mall.

Thomas yo gape eleng mong wa marekisetso a dipeterole a Shell, gone kwa go tla agiwang mmolo teng, o buile a sa kgwe mathe ka fa badirela puso ba tsenyang boradikgwebo boitlhobogo ka teng ka jaana banna maoto a tshupa go ba thusa.

“Le fa ntswa ke kgonne go ka simolodisa dikago tse, re na le mathata re le bagwebi ba Batswana ka jaana badirela puso ba sa re eme nokeng. Ba tsaya lebaka lo lo leele goka fetsa go sekaseka mealo le ditsha tsa mothale wa kgwebo,” Thomas a ngongorega jalo.

A re tshokolo ya mothale o kgoba bagwebi bangwe mme e tlise boitlhobogo le tsone ditlhabololo di salele morago.

Le fa gontse jalo, Thomas one a supa fa mmolo a o agela banni ba Palapye, ba metse ee mabapi e akaretsa le kwa gaabo, eleng kwa Majwaneng, a re bulela fa le Batswana botlhe ka kakaretso batla o akola. A re mmolo o tla thusa go oka mebereko ele sekete kana go feta mo isagong. Thomas a re kago ya marekisetso a etla tsaya sebaka sa dikgwedi dile lesome le borobabongwe.

Faa lathlela la gagwe rakonteraka wa kompone ee tla agang mmolo wa Diphalane, George Sun o ne a solofetsa morafe fa kompone ya gagwe e tla thapa bana ba motse wa Palapye. O ne gape a solofetsa fa kompone ya gagwe e tla dira tiro ka manontlhotlho le go wetsa ka nako e e beilweng.

Mothusa tona wa Lephata la Papadi le Madirelo Sadique Kebonang, o gwetlhile bagwebi go tshwara ka thata le go nna pelotelele. A re mathata a badirela puso ba ba bonya go thusa Batswana e setse ele bolwetse mo lefatsheng leno.

“Lo seka la kgojwa marapo ke badirela puso le bo le felela le latlha ditshono tse le kabong le di dirisitse goka tlhabolola lefatshe leno,” Kebonang a lopa jalo.

Kebonang a be badirelapuso ba tshwanetse ba thusa Batswana ka tekatekano go sa kgatlhalesege gore ke ba diphathi dife tsa sepolotiki.

Thomas a re o thusitswe ke ba CEDA ka madi aa kanang ka P30 milione go ka aga mmolo wa Diphalana.