Naledi

Jwaneng o nkga a re phuu!

Ratoropo Tsietsi Oodira
 
Ratoropo Tsietsi Oodira

Go nkga ga toropo e, e nnile kgang ya moruthuta kwa bokopanong jwa khansele ya Jwaneng bosheng, jaaka Makhanselara a ne a ntsha matshwenyego ka seemo se. ba supileng fa se sa ba itumedise, molato ele koporase ya metsi ya WUC e ba reng ga e a tlhwaafala. Ratoropo Tsietsi Oodira-Kwenje le ene o ne a supa fa a swabisiwa ke go sa tsibogeleng ga seemo se ke WUC. O ne a solofetsa Makhanselara ka ene fa atla ikopanya le bogogi jwa koporase e, ka gape e lebane le go gopa metsi a a leswe, tiro a gompieno ba simolotseng go e duedisa. “Go makgetho ale mantsi ke leka go itshwaraganya le bone ka maikaelelo a go ba laletsa gotla go begela khansele ka seemo se, mme ga go nko e tswang lemina,” Kwenje a tlhalosa jalo. WUC ene e seo kwa khanselelng go ikarabela ka seemo se.

Monko o wa toropo e ya diteemane o o utlwa fela fa o goroga o tswa ntlheng ya Kanye. “A mme gone seemo se se siametse toropo ya go tshwana lee, e e tumileng ka diteemane tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo lefatshe ka bophara, ya nna potso e Makhanselara aneng a ipotsa ka go latelana ga bone. Baagi le bone ba tsholeditse diatla ka go phephetha ga metsi a a leswe a.

Mo bogareng jwa toropo le ko marekisetsong a matona, bareki le  bone ba setse ba tlwaetse go sama marokgwe le dikete go tlola metsi a a diphatsa ao. Monko o gape o fekeetsa bapagami ko maemelong a dibese. Fa e le bommaseapei ba ba rekisetsang ko maemelong ao, ke selelo le khuranyo ya meno. Ba re go kabana ga phaephe ko maemelong ao ke gone go sulafaletsang bareki ba bone go itumelela dijo tsa bone. Dikgomo tsa meraka e e gaufi le tsone di iponetse megobe e di ka nwang mo go yone.

Mme Edna Mosiakoko yo o rekisetsang ko maemelong ao a dibese, a re monko o o kgaola molebo wa nko mme o palelwa ke go huduga ka ke gone ko a ka bonang bareki teng. O ne a tlhalosa fa Khansele ya Jwaneng e tshwanetse go tsaya boikarabelo go thusa koporase ya metsi go babalela matshelo a Batswana.

A re monko oo o ka baka malwetsi mme gape bana ba mo diphatseng ka ba ka tshamekela mo megobeng eo. Mongwe wa banni ba kgaolo ya Unit 5 Rre Batshabang Chepete, le ene o ne a supa go sa itumeleng ka go sa tsibogeleng monko oo ke bogogi jwa toropo. Chepete o ne supa gape gore kgopho ya metsi a a leswe e tshwanetswe go tsibogela segolo jang mo toropong e e humileng e bile e tshegeditse itsholelo ya lehatshe.

E rile bosheng Ratoropo Tsietsi Oodira-Kwenje a begela makhanselara gore moepo wa Jwaneng o adimile koporase ya WUC madi a didikadike tse pedi tsa dipula go ba thusa go namola toropo eo mo monkong o.