Naledi

Makhanselara a Werda aa kubetsana

Makhanselara a motse, o o dikhilomithara di ka nna lekgolo le masome a mararo, ko botlhaba jwa Tsabong, ke Hendry Louw wa mokgatlho wa UDC le Bakae Mathule wa BDP.

Patlisiso ya Naledi e senotse fa Louw o tlhophilwe gonna mokhanselara wa Werda mo ditlhophong tsa sechaba tsa 2014, a fenya Mathule. E ne e rile gole pele ga Louw a se kotama, Mathule a bo ele mokhanselara yoo tlhophilweng ka dingwaga tsa 2009 go fitlha ka 2014.

Fela jaaka ele tlwaelo, Tona yo o lebaneng e bile ele wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Slumber Tsogwane a tlhoma Mathule go nna mokhanselara yo a mo itlhophetseng, se sa raya gore Makhanselara a nna mabedi mo motsaneng wa Werda, o tota o nang le dipalo tsa batho bale dikete dile tharo le makgolo a mararo le masome a marataro le bongwe (3,261).

Go utlwala fa go tlhoka neelano morago ga ditlhopho, mo bangwe ba motse o ba tlhalosang go rotloediwa ke lefufa la sepolotiki le maemo, go bakile gore motse wa Werda o nne makgamu. Bangwe baagi go utlwala fa ba setse morago Mathule jaaka komiti ya motse ya VDC fa maloko mangwe a komiti ya katoloso ditlhabololo ya VET (Village Extension Teams) ba utlwana le Louw. Motse le o ne jaanong o setse runya semorafe jaaka merafe ya koo jaaka wa Sekhalate, Barolong, Batlharo le emengwe, e bile ba fokwa ke phefo ya borwa e e bakang matsapa a tiego ya ditlhabololo.

Go tsibogela dikgang tse, Hendry Louw o ne a supa Mathule ka monwana a re o paletswe ke go buelela motse wa Werda mo dingwageng tsa ale Mokhanselara. A re Mathule o leka ka tsotlhe go mo kgoreletsa mo go inaakanyeng le baagi ka ditlhabololo, gore atle palelwe jaaka ene. “O bopa ditlhopha le maloko a VDC le batho bangwe go buisa diphuthego tse di fa thoko. O tshosetsa bodirelapuso ka go ba solofetsa go ba loma gore ba kobiwe kana ba fudusiwe mo kgaolong,” Louw a rialo.

Ya re a ikarabela, Mathule a bolela fa ene a sa itse fa ana le dipharologano tsa sepolotiki le Louw. O ganeditse magatwe a gore o tsaya matlhakore le maloko a VDC le baagi bangwe, mme a tlhalosa fa tota yaabo ele gore o lalediwa diphuthego tsa VDC fela jaaka Louw leene a ka lalediwa jaaka botlhe bale maloko a tlaleletso. Mathule a re ga a ise a ko a leke go kgaupetsa diphuthego tse di biditsweng ke Louw.

“Fela, kene ke sa batle gore kgang e ke e utlwang ka bobegadikgang e felele e re tlhobosa le baagi ba motse wa rona , fela Louw le ene o tshwanetse a fetola boitshwaro jwa gagwe. Go lebega a santse a hakgamaditswe ke go tlhophiwa ga me ke tona go nna mokhanselara o o itlhophetsweng.

Mo potsolong le Monnasetilo wa Khansele ya Kgalagadi, Justice Nkwane, go utlwa tlhalosa ka se se katswang se baka khuduego e, o boletse fa kgotlhakgotlhano ya ga Louw le Mathule e setse e umakilwe kwa ga Molaodi wa kgaolo mme thulaganyo ele teng ya goya go leka go tshereganya bobedi jo.

Nkwane a re le mo diphuthegong tsa khansele, Louw o nna a kgaupetsana le Mathule ka dikgang tse di amang motse wa bone. A re gangwe le gape ba farologana ka dikeletso tsa mananeo a ditlhabololo mme se, se busetse maiteko a go tlhabologa ga motse wa Werda kwa morago.

“Ntswa mokhanselara Louw a tlhophilwe ke sechaba o tshwanetse a akaretsa Mathule mo megopolong ya gagwe ya go akanyetsa go tlhabolola motse, Mathule le ene fela jalo,” Nkwane a tlhalosa jalo. O bile a bolela fa Mopalamente wa kgaolo Frans Van Der Westerhuizen a kile a tlhalosa ka maikarabelo a makhanselara le ka fa melawana ya khansele e ba gwetlhang ka teng.

Ka fa go je lengwe, go utlwala fa Tona Edwin Batshu le ene a kile a leka go tlhalosa ka ditiro le maikarabelo a Makhanselara oo mabedi, mafoko a go lebegang a hukilwe ke  phefo ya Borwa.