Naledi

TB e teng mo dikgolegelong -Lephata la Botsogo

Lephata la Botsogo (MoH) le tsibogetse dikgang tsa kanamo ya bolwetse jwa TB le mogare wa HIV kwa dikgolegelong ka go bolela fa le dirile patlisiso ka bolwetse jwa TB, ka 2010. Ya re ka 2013, Lephata la Botsogo le la NACA a dira patlisiso ka mogare wa HIV mo Botswana, dikgolegelo le tsone di akareditswe. Dipatlisiso tse di dirilwe kwa dikgolegelong dile supa go ralala lefatshe la Botswana.

“Dipatlisiso tsa bolwetse ja TB di supile fa magolegwa ale 1430 mo tshobokong ya bale 1000,000 ba tlhatlhobetse bolwetse jo. Mogolwane wa kanamiso mafoko kwa lephateng le, Doreen Motshegwa a tlhalositse jalo mo polotsolotso ya mokwalo.

Motshegwa a re patlisiso e e dirile gore ba tswe ka lenaneo la go laola TB mo dikgolegelong. A re dithulganyo dingwe di tla diragala ka thuso ya lekalana la dithuso la madi la Global Fund, a tlhalosa gore le fa gontse jalo maduo a HIV o ne a ise a gololwe.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Motshehwa a re ke nnete gore Mokwadi Mogolo wa Lephata la Botsogo o ne a itlama go bereka le babegadikgang mo go anamiseng le katoloso ya go diragetseng sentle ga loaro la borre. A re boibegadikgang bo botlhokwa mo go fitlhelelng maitlamo a go atlega ga kanamiso ya lenano la go ara borre.

Motshegwa o koneletse ka gore, Batswana ba filwe tetla ya go nna baemedi ba SMC. A re thulganyo e teng ya gore baemedi go tswa ko ba begengdikganyeng, metshameko le bodiragatsi, mme ba dira jalo ka go itlhaopa ga banaleseabe. ss=MsoNormal>O ne a fa sekai ka dingaka tse sekgoa a re ga o kake wa bona ngaka ya meno e alafa matlho, a re ke ka moo baporofiti ba tshwanetseng go kopa mo dingakeng tseo mme ba ithute go tlhalosetsa batho gore ga ba kgoneng eng.

 

Le fa gontse jalo, Jacoba o ne a supa gape faa tshwenngwa ke ditshebano tse di tletseng mo dikerekeng tsa semowa. A re gona le dikgogakgogano tse dintsi mo dikerekeng tse dingwe ele tsa go lwela maemo.

Jacoba o ne a re,”Batho ba tletse kwa dipatela ka go lekelediwa kalafi ke baporofiti, ya mogare wa HIV e a reng tota ga ena kalafi. 

Faa mo kgwa dikgaba moruti wa kereke ya Saint David, Gaosego Paeye, a re ga gona kagiso mo dikerekeng tsa semowa. O ne a gwetlha baporofiti ba dikereke tsa semowa gonna seope sengwe