Naledi

Jacoba o kgala baporofiti bangwe

 

Jacoba a re baporofiti ba go tshwana le ba, le dingaka dingwe tsa setso, di dira gore diphuphu di tlale ka jaana baseke bua fa ba palelwa ke sepe. Jacoba o buile se kwa phuthegong ee neng e biditswe ke tautona wa lekgotla la dikereke tsa semowa kwa Mahalapye bosheng.

“Dikereke di setse di dule mo taolong ka gore mongwe le mongwe o ipatlela matseno a go tuma le go ikhumisa.Basha ba ipaa bale botoka thata go feta bagolo, ntswa bagolo ele bone ba ba simolotseng dikereke ebile bana le kitso e ntsi,” a rialo Jacoba.

Jacoba o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikereke di sa tlhole di tshephiwa gammogo le dithuso tsa tsone tse ba di fang batho ka jaana baporofiti ba sena boammaruri. O ne gape a supa fa gona le botlhokatsebe jo bontsi mo dikerekeng bogolo thata kwa seporofiting.

“Re tshwanetse ra tsibogela go laola seemo sa seporofiti ka jaana botlhokatsebe jo bontsi bo senya neo e motho a katswang a e abetswe.

Baporofiti ba dikereke tsa semowa ba abetswe, baa thusa, mme se se ngomolang pelo ke gore neo eo, ga esa tlhole e tshephiwa ke ope,” Jacoba a rialo.

O ne a gatelela gore go tshwanetse ga busediwa mo tseleng seporofiti gore batho ba se tshephe jaaka pele.

A re ke ka lebaka la baporofiti ba ba ratang go ikgagapelela gore dintsho dibo di le dintsi mo lefatsheng leno.

“Fao bona batho ba tletse kwa mabitleng jaana, ke ka lebaka la baporofiti le dingaka dingwe tsa setso. Le fa moporofiti a sa itse go alafa sengwe, o lekeletsa ka molwetse, gona le gore a fitisediwe kwa moporofiting yoo abetsweng mo bothateng joo,” a rialo Jacoba.

O ne a fa sekai ka dingaka tse sekgoa a re ga o kake wa bona ngaka ya meno e alafa matlho, a re ke ka moo baporofiti ba tshwanetseng go kopa mo dingakeng tseo mme ba ithute go tlhalosetsa batho gore ga ba kgoneng eng.

Le fa gontse jalo, Jacoba o ne a supa gape faa tshwenngwa ke ditshebano tse di tletseng mo dikerekeng tsa semowa. A re gona le dikgogakgogano tse dintsi mo dikerekeng tse dingwe ele tsa go lwela maemo.

Jacoba o ne a re,”Batho ba tletse kwa dipatela ka go lekelediwa kalafi ke baporofiti, ya mogare wa HIV e a reng tota ga ena kalafi. 

Faa mo kgwa dikgaba moruti wa kereke ya Saint David, Gaosego Paeye, a re ga gona kagiso mo dikerekeng tsa semowa. O ne a gwetlha baporofiti ba dikereke tsa semowa gonna seope sengwe