Naledi

Tshameko e ntle; maduo aa gana kwa BR Higlanders

Lebitso Ratlou
 
Lebitso Ratlou

Highlanders e dubana le le lerole la dikatse mo go tse tharo tse di kwa mogatleng wa moalo wa Be Mobile. Banna bao ba kwa Mhalatswe ba na le tse di sokolang jaaka bone tsa Motlakase Power Dynamos ya kwa Palapye le FC Satmos go tswa kwa toropong ya Selibe Phikwe. Ditkgopha tse di lebaganwe ke selepe sa magagane.

Fa motho a lebile setlhopha sa Highlanders o ka lemoga gore ga ba dira diphetogo tse di kalo ka nako ya kwadiso ya batshameki. Ba kgonne fela go bona Emmanuel Thakadu.  Se ke ka gore mokatisi Lebitso Ratlou o dumela fa batshameki ba a nang le bone ba ka mo direla tiro. Mme tota se e le boammaruri fa motho a lebeletse tshameko e ntle ya Highlanders mo lebaleng mme sebe sa phiri ba sa kgone go bona letloa.

Ke setlhopha se na le go tshameka sentle mme ere ka metsotso e botlhokwa ba dire diphosonyana segolo bogolo go tswa mo batshameking ba ba botlana. Fela gone maitemogelo a batshameki ba bagolwane ba tshwana le Leteng Legopelo,Thakadu, Tshepo Molefhe, Agisanyang Ramaabya ba leka ka thata go fa batshameki ba ba botlana kaedi.

Mokatisi Ratlou o tlhalosetsa Naledi gore ba lemogile seemo se mme ba leka ka tsela tsotlhe go se baakanya. Ratlou o fa sekai ka motshameko wa bone wa bofelo ba etetse Nico United kwa Phikwe.Highlanders e ene e nositse sentle fela pele ka Molefhe mme ya re metsotso ya bofelo ‘majombo’ ba boa kwa morago ka Vincent mathumo.

Ratlou  a re nno ya go lekalekanya dilo e tsile morago ga gore batshameki morago ba gagwe le motshwara dino ba tlhape ka mmereki. Se se ne sa dira gore Highlanders e latlhe dintlha tse pedi tse di botlhokwa o lebeletse seemo se ba le mo go sone. Motshameko o, o ne wa fela ele maleka a nno ele nngwe go setlhopha.

Fa a sala a tsaya marapo mo go Tebogo  Mokute, Ratlou o kgonne go fenya motshameko o le mongwe, a latlhegelwa ele mebedi,a tshameka maleka ga raro. Highlanders ka nako e e na le dintlha di le lesome le borataro.