Blogs

A re se dire re itsapa

E re boemong jwa go nowa ke batho, a nowe ke loruo. Mo go a mangwe mafelo, botlhoko e nne bo bo ka lekwang. Tota e se gore batho ba a rata, ba dirwa fela ke gore, ga go na ape metsi a a botoka. Go lebega go ntse jalo kwa Mmatshumo.

Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, go begwa fa e rile bosheng, morafe wa Mmatshumo wa lela ka metsi a a letswai a. Go begwa fa selelo se, se ne sa tswa mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo gone kwa Mmatshumo.

Phuthego e bolelwa e ne e tshwerwe kgwedi e e fetileng ya Hirikgong. Fela jaaka go a tle go direge mo metseng e mengwe, go bonala fa mo phuthegong e, batho ba ne ba hupuloga, ba bua ka tse di ntseng di sa ba robatse; di ba tshwenya.

Morafe wa lela ka sele le sele. Mme selelo segolo ya nna gore metsi a bone a letswai, mo go rayang gore, ga a monate go nowa. Ka jalo, ba kopa gore ba tlhomelwe madirelo a a tlhatswang metsi, e le go a tlhotlha letswai.

Pego e tswelela e re, godimo ga moo, ga bolelwa fa go setse go tlhomilwe lekoko go ya kwa go tona ya metsi. Re tlaa tsaya gore lekoko le, le romilwe go ya go bega selelo sa morafe kwa go tona, go bona gore o ka thusa jang.

Tsa nna tsa tla. Mo godimo ga selelo sa metsi, ga tla ngongorego ya gore, morafe ga o bone mananeo mangwe sentle, ka a kgakala le Mmatshumo mme ba kopa gore ba a atamelediwe.  Ga kopiwa gape gore, motse o agelwe ntlo lehalahala le gore, go agiwe sekole sa go loga mo Boteti. Mopalamente le ene a tla ka se a neng a se ba tsholetse. Ga twe o ne a bolela fa molelo wa kgolagano o tlaa goroga mo Mmatshumo kgwedi ya Motsheganong e le masome mararo le bongwe.

Re itse fa molelo o, e le one o iteletseng pele meletlo ya boipuso jwa ngwaga ono. A fetela pele mopalamente, a rotloetsa batho go ipaakanyetsa moletlo o ka go apara mebala ya Botswana.

A boa gape a rotloetsa morafe go reka diabe tsa Botswana Telecommunications Corporation. Fa a araba tse ba neng ba lela ka tsone, a bolela fa a utlwile matshwenyego a Mmatshumo mme a tlaa a sala morago. Fa e bega ka kgang ya diabe tsa BTCL, Dikgang/Daily News (Labotlhano Hirikgong 15 2015) ya re;

‘Rre Lelatisitswe o ele a ba gakola gore khamphani ya Botswana Telecommunications Limited BTCL e tla bo e rekisa diabe kgweedi eno lesome le bonwe go tse Mopitlo a tlhola ga raro.’

 Ga twe o ne a gakolola morafe jalo mopalamente. A jaanong re tsenye temana e re e inotseng e leitlho, go bona gore e kwadilwe jang. Wena o bonye diphoso dife mo go yone? Ke afe mafoko a a sa kwalwang sentle? O ka baakanya jang diphoso tse o di bonyeng?

Ka a gagwe matlho, Mmualebe o bonye diphoso di le thataro mo temaneng e, tsotlhe e le tsa mafoko a a sa kwalwang sentle. Mafoko ao ke, ele, gakola, kgweedi, bonwe, tse le ga raro. Ka fa Mmualebe a bonang ka teng, diphoso tse, ke tsa motho a ne a dira a itsapa, e seng a gakilwe.

Diphoso tsa go nna jaana, ke tsone tse di senyang Setswana, di se sulafatse. Le gale re bonye ka fa go kwadilweng ka teng. Jaanong potso ke gore go ne go tshwanetse go kwalwa jang?

Fa e ne e kwadilwe sentle, temana ele e ka bo e balega jaana; ‘Rre Lelatisitswe o ile a ba gakolola gore khamaphani ya Botswana Telecommunications Limited BTCL e tlaa bo e rekisa diabe kgwedi eno e le lesome le bongwe go tsena Mopitlo a tlhola gararo.’ 

Fa e ne e kwadile jaana, Dikgang/Daily News, e ne e tlaa bo e kwadile sentle, e nepile. Mme ga e a dira jalo.  E ne ya latlhega, ya ya le naga.

Re le Batswana, ra re, re ipelafatsa ka ngwao le teme ya rona. A mme re ka ipelafatsa ka teme ya rona, ka go e bua, re sa e bue ka bope botswerere, re sa e kwale ka ape manontlhotlho, re e bua/kwala ka go itsapa? Gore re ipelafatse ka Setswana ke gore re se bue, re se kwale, ka kelotlhoko, ka botswerere le ka manontlhotlho, e seng ka go se latlhelela.

A e re re dirile diphoso tse di tshwanang le tse di fa godimo tsele, re di baakanye. A re se dire re itsapa, go tle go bonale gore, re kwala teme re e rata, re ipelafatsa ka yone.

motshwanes@yahoo.com