Blogs

A lefoko leo le katoge

Re setse re fetile ka dipolelo dingwe tse di neng di kaya fa e ne ya re ka yone kgwedi e, ka dingwaga tsele, mapalamente mangwe a tshwara diphuthego tsa go nna jalo.  

Gompieno re ne ra kopana le polelo nngwe ke eo, e bolela fa e rile ka yone kgwedi ya Hirikgong, ngwaga ono, mopalamente wa Nkange, Rre Never Tshabang, a tshwara phuthego ya go nna jalo kwa Goshwe le Magapatona kwa Tutume. Go bonala fa phuthego e, e ne e le phuthego ya ntlha ya ga Rre Tshabang mo kgaolong ya gagwe mme mosepele e ne e le go ya go lekola kgaolo le go itsanye le morafe wa yone, kana, batlhophi ba gagwe. Gape, a ne a batla go tsaya dikopo dingwe tse morafe o ka neng o ne o na le tsone, a di fetisetsa pele; a di isa palamenteng.

Fa re ntse re tla le polelo re utlwa fa morafe wa kgaolo ya Nkange o ne o ntse o sa robale; ke gore o tshwenyega, o tshwenngwa ke diphologolo. Molato? Molato e le gore ga go na metsi kwa nageng jaanong, go tshaba lenyora, di tshelegela mo gae go batla metsi, go nwa, mo gare ga metse. Se, ya bo e se seemo se se monate. Seemo se befile jalo, puso ya tsaya dikgato dingwe go se hema. Jalo he, re bona fa kwa phuthegong ele, mafoko a a neng a nametsa morafe, a ne a tla ka mogolwane wa lephata la diphologolo kwa Tutume, Mme Ketimeletswe Mondiya.

  Ga twe Mme Mondiya o boletse fa puso e epile didiba di le pedi kwa Ngwasha go nosa diphologolo. Polelo yone ya re go tlaa bo go nosiwa diphologolo tsa naga mme rona re re, ga go tlhokane le gore go tlhalosiwe gore diphologolo tseo, ke dife. Re re, ka tlhomamo, diphologolo tsotlhe ke tsa naga. Mo gongwe mo bangwe ba tle ba re ke diphologolo, e le podi, nku, kgomo , le tse dingwe fela jalo, ga se diphologolo. Moo, ke leruo la rona, loruo lwa rona, kana, diruiwa tsa rona; re di ruile, re nna le tsone mo gae,  ga di nne mo nageng. Gape, a re tlhalose gore, gone kwa nageng kwa, mo go tlhako jaaka kgama le nare, ke phologolo mme mo go leroo jaaka phokoje le nkwe, gone ke sebatana. Fa phologolo e hula bojang, sebatana sone se ja nama. Jaanong, a dilo tse di ne di farologanngwa, e se re ka tsotlhe di nna mo nageng, ga gobokwa fela ga twe, gotlhe ke diphologolo jaaka bangwe ba tle ba bue. Nnyaa, go na le phologolo le sebatana. A rotlhe re farologanye dilo tse.

 Mme ga se ka ga felela fela ka gore go epilwe didiba. Re utlwa gore a fetela pele,  Mme Mondiya a bolela fa puso e rekile dikoloi di le pedi tse di tlaa gang metsi go nosa diphologolo tseo. Godimo ga moo, a supa fa puso e buletse letsomo, se e le go leka go fokotsa diphologolo go tlalatlala fa gare ga metse di tshwenya batho. Tsela ya nna ya tswela pele ka gape, re utlwa gore Mme Mondiya o ne a re kwa Nkange go agilwe kampa ya badiri ba lephata la diphologolo ba le lesome le bone. Re re, tse tsotlhe, ke dikgato tse di molemo mme re dumela fa jaanong morafe wa Nkange o tlaa bona boroko.

E rile re ntse re sesela, ra kopana le Dikgang (Daily News) Hirikgong 14 2020 mme ra sela polelo ele ya phuthego ya mopalamente wa Nkange foo.

Fa e bua ka fa e reng kwa Magapatona batho ba ne ba lela ka metsi ka teng, polelo ya re;

‘Kwa Magapatona banni ba ne ba lela ka metsi a a letswai a ba a anwang, ba re gape motse o fetogile makadiba …..’

Potso e nne ya gale gore a fa godimo fa, o bona phoso nngwe, kana, ga o bone sepe? Fa o re ga go epe phoso ke eng o rialo?  Mme gape, fa o re phoso nngwe e teng, ke efe, ke eng e le phoso, mme o ka e baakanya jang? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng, fela rona re bona phoso e le lefoko ‘anwang.’ Gongwe o botse gore, ke eng re re lefoko leo ke lone phoso e e leng fa godimo fale. Re re, jaaka re a tle re nne re bue ka mafoko a mangwe, lefoko le, le tshwaragantse mafoko a le mabedi, a a neng a sa tshwanela go tshwaragana. Mme ga nna jang? Ga felela go dirilwe lefoko le Setswana se se nang nalo. Phoso e foo. Gongwe o botse gore, go baakanya phoso eo, ke go dirwe jang? Go go araba re re, lefoko lele, le tlhalosa metsi a go buiwang ka one; le tlhalosa gore metsi ao, ke afe. Jalo he, go baakanya phoso ele, ke gore lefoko leo, le le ka bong le sa tshwaragana le le lengwe, le katoge, le eme fale le le nosi. E le lefe lefoko leo? E le ‘a.’ A ‘a’ yoo, a sute, a se tshwaragane le lefoko ‘nwang’ mme polelo e re,’…..metsi a ba a a nwang…..’ Go kwadilwe jaana, go tlhamalale, polelo e arabe sentle potso e mongwe a neng a ka e botsa gore metsi ao, ke metsi afe.