Blogs

Ba re ga se tlotlo

E a tle e boelwe, e tsweledisiwe e wele. Go diregile jalo ka kgang ya rona e re neng re e tshegetse ka polelo ele ya phuthego ya  mopalamente wa Nkange, Rre Never Tshabang.  Ga nna jalo ka gore re ne ra se ka ra kgona go bua ka gotlhe mo e rileng re ntse re okometse polelo ele, ra go bona mme ra batla go latlhela la rona ka gone. Re ne ra feta ka lefoko lengwe ke leo, mme mo gongwe ga sala, tema ya lala. Jaanong, e tlaa re gompieno re boele polelo eo, go digela tema. Re ne ra utlwa fa phuthego ele, e ne e tshwerwe kwa Goshwe le Magapatona kwa Tutume.

Go gogela pele re re, re tle re nne re bue gore fatshe leno le namile le tshwana le marota a ba reng a kile a tlhaeletsa thukhwi nageng mme re ntse re le Batswana, mafelo mangwe a lone ga re a itse. Jalo he, bangwe ba ka botsa gore one mafelo a kgaolo ya ga mopalamente Tshabang, a kae, a ntlha efe ya fatshe jeno. Re re, mafelo a, a kwa Bokalaka. Bangwe bone ba re ke Bukalanga. Mme gongwe potso e tle gape e re, a le kwa Bukalanga jaana, thata a fa kae? Go araba potso e, re re, pata mosimane ke yo  o bidiwa Dikomelo. Mosimane a re, o tlaa ba a ya gone koo a etela tsala ya gagwe Makgaritlha mme mosepele wa gagwe o simolola mo Francistown. A re, o tlaa tswa, a tseye tsela e e yang Maun mme a tlhwaafale a betse mpheetshane. E tlaa re a ntse a tsweletse, tsela ke eo, e tswele ka fa lebogong le le jang, la moja. Eo, e mo gogele Tutume. A fete Tutume. a tsene Nkange. Foo, a bo a gorogile mo go one motsemogolo wa kgaolo ya ga mopalamente Tshabang. Ka o etile, a tsene mo gare ga motse go ya go bona tsala ya gagwe. Ke oo, o wetse mosepele wa ga Dikomelo mme re dumela gore, bangwe ba le go fopholetsa ba neng ba ka se ka ba fopholetsa, o tlaa ba thusa, o ba fe lesedi la gore mafelo a kgaolo ele ya ga mopalamente Tshabang a ntlha efe ya fatshe jeno. Fa o dirile jalo, re o lebogele. Jaanong a re fetele pele.

Go tswela pele re re, go ne ga bonala fa phuthego ele e ne e le ya ntlha ya ga Rre Tshabang go ya  go lekola kgaolo. Go le jalo, polelo ya supa fa mafoko magolo gone koo e ne ya nna a  mogolwane wa lephata la diphologolo kwa Tutume Mme Ketimeletswe Mondiya. Go ya ka polelo ele, morafe wa kgaolo eo, o ne o ntse o tshwenngwa ke diphologolo go tswa kwa nageng di tla go batla metsi, go nwa, mo gae. Mme ga twe,, Mme Mondiya a bolela fa puso e epile didiba kwa nageng go nosa diphologolo. Godimo ga moo, ga rekwa dikoloi di le pedi go gela diphologolo metsi, ga bulelwa letsomo, ga ba ga agiwa kampa ya badiri ba lephata la diphologolo kwa Nkange. Mo gotlhe e le go leka go ntsha diphologolo mo gae gore batho ba tle ba bone boroko. Re setse re boletse fa polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa kgaolong ya ga mopalamnte Rre Tshabang re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Hirikgong 14 2020.

Fa e bua ka fa e reng mopalamente o ne a supa ka teng gore o tlaa dirisanya le morafe wa kgaolo, le badirela puso, le bogogi jwa motse jang, polelo ya re;

‘A re mangwe matshwenyego ba tlaa nna ba a tshwaraganela….. ka wa o esi ga o ele.’

Go wetsa tema re re, a re utlwe gore la gago ka temana e e fa godimo e, ke lefe? A o bona e le mafoko a tlhamaletse, a siame, kana, golo gongwe a sa siama? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bona mafoko mangwe foo, a sa siama. Gongwe o botse gore ke afe ao, mme re re, ke wa o esi. E le eng re bua jalo? E le ka gore go buiwa ka moroto. Bangwe e a re ba bua ka botlalo ba re, ‘Moroto wa (motho) o esi ga o ele.’ Kgang e tsoge gone fa ba tsopa lele la jale, ba re ga go buiwe jalo ka motho fa e se fela e le ngwana a sale monnye mme e re a robetse a kolobetse dikobo. Ba re, fa e le motho a setse a godile, go bua jalo ka ene, ga se tlotlo. E a re fa a ema fale, go twe o ya ka fa mahuri, o ya fa logoreng, kana, o ya go itlhoma. E seng go tlhamalala fela go twe o ya go rota. Ba re, seo, ga se setho. Ba tswelele ba re kgomo ke yone e dirang jalo mme seane se re, ‘ Wa e esi (kgomo) ga o ele. Mme ka go a bo go natefisiwa puo, e re go buiwa ka batho seane se dirisiwe.

Fela ga se a tshwanela go tlhamalala se bua ka motho se tshwanetse go bua ka kgomo. Jaanong go bona nnete ya seane se, di bone di golegile, di setse di tsamaile di kgaotse mosepele e suma Kris,. O tlaa utlwe go twe, a di eme di rote. Mosimane a iteye molodi, a kgaleme, di eme. Fela jaaka  di ema, di  o tshele mme o o bone gore tota ga se wa e esi.