Blogs

Mabogo �.. a a thebana

A re fa botshelo bo le thata, motho o tshwanetse go batla tsela nngwe ya go bo tlhabantsha. Sengwe se se ka re kaelang nnete ya seane se, ke metshelo e Batswana ba e dirang. Gantsi  batho ba a tle ba iphitlhele ba se na madi a go dira tsotlhe tse ba di eletsang.  Potso e nne gore, seemo se ntse jaana, motho o ka dira jang, leano o ka loga lefe go itsweledisa pele?  Karabo e nne gone gore, a botshelo ga a site, go sita a loso.

Ka ke ao ga a site, bangwe ba tle ka mogopolo wa motshelo. Jaaka re itse, motshelo ke mogopolo o e leng gore ka one, batho ba a ikopanya, ba thusanye, mme ba re ba a tshedisanya; ba re ba dirile motshelo. Gantsi  motshelo o dirwa ka madi. Batho ba a ipope mokgatlho. Mongwe mokgatlho  o bidiwe leina lengwe, o  mongwe e nne motshelo fela o se na lepe leina. Mme fela batho ba dumalane gore ba ntshe madi mangwe, e le one a ba thusanyang, ba tshedisanyang ka one.  Bangwe ba dumalane gore madi ao, a bewe go tlaa a adimiwa ba ba tlaa bong ba batla go adima mme ba a buse a na le morokotso; a tsetse. E, e nne yone tsela ya go oketsa madi a maloko a thaileng motshelo ka one. Fa ngwaga o fela, madi otlhe a phuthiwe, a kgaoganngwe.  Mme fa dilo di tsamaile sentle, maloko a bone sengwe se se itumedisang.

O mongwe motshelo, e re boemong jwa go kokotletsa madi, o dumalane gore madi ao a rekele maloko dijo ka go tlhatlologana. E re kgwedi e go rekelwe Naledi, kgwedi e e latelang go rekelwe Neo, dikgwedi tse dingwe go rekelwe ba bangwe fela jalo ka go tlhatlologana. Bangwe gape e ka re boemong jwa go reka dijo, ba bona go le botoka go reka dilwana tsa mo lwapeng go abela maloko.

Motshelo mongwe go bolelwa e le wa Remmogo- Mosadi Thari kwa Maun. Ga twe mokgatlho o, o bopilwe ngwaga o o fetileng mme o na le maloko a le lesome le bobedi, botlhe e le basadi. Fela jaaka ka metshelo e mengwe, go bolelwa fa moono wa Remmogo-Mosadi Thari e le go itirela le go leka go itokafaletsa botshelo. A ga se bue jalo Setswana se re, motho ga a direlwe e se nama? E ntse e le sone gape se re, makopo  (go kopa) ga a tshedise pitsa, se raya gore, motho o tshwanetse go nna le se e leng sa gagwe, e seng go tshela ka go kopa le go adima.

Ga twe kwa Remmogo -Mosadi Thari, go ne ga dumalanwa gore leloko lengwe le lengwe le ntshe P200.00. Ka madi a, go ne ga rekelwa maloko dilwana tse di jelang/dijana, dikopi le dipitsa. Godimo ga moo, go bolelwa fa go ne ga rekwa dilwana tsa kago, go lebilwe gore leloko le tlhoka eng. Fa ngwaga o fela, ga dirwa moletlo, dilwana tse tsa abiwa. Moletlo ya nna o mogolo, boitumelo le bone ya nna bo bogolo. Ke mang  yo o neng a ka se ke a itumele mo tirong ya go nna jalo? Go begwa fa kwa moletlong ole, mongwe wa maloko a ne a bolela fa a itumetse thata ka jaanong o na le tsotlhe tse mosadi a ka di tlhokang mo lwapeng. Mme a se ka a felela fa. A tlatsa ka go kgothatsa basadi ba bangwe gore le bone ba tsene metshelo e le leano la go itlhatlosa. Fa e bega ka fa leloko le le neng la bua ka teng, Dikgang/Daily News (Labotlhano Sedimonthole 11 2015) ya re; “O gwetlhile bomme jaaka ene go se itshele meriti e tsididi ka a re ‘mabogo dinko a a thebana.’ ”

Ke eo kgang. Ga twe basadi ba iteke ba tsene metshelo ka mabogo dinko a a thebana. Fa o etse tlhoko, o tlaa lemoga gore one mafoko a a reng ‘mabogo dinko…..’ a mo letshwaong la ditsejwana (quotation/speech marks). Re tlaa tsaya gore, Dikgang?Daily News e tsere mafoko a fela jaaka a ne a buiwa ke yo a neng a bua nako eo. Mmualebe a nne a botse gore a go buiwa jalo go twe, mabogo dinko? A go bua jalo ga se go fapoga Setswana? Kgotsa ke phoso ya yo a neng a bua, a relela loleme, a bua lefoko le sele boemong jwa le le tshwanetseng?

Ga re itse mme fela gore go twe mabogo dinko, ke phoso e tona e e ka latlhang ba ba bantsi. Setswana sa re, mabogo dinku a a thebana, e seng dinko. A re farologanye mafoko a mabedi ao, ‘nko’ le ‘nku.’

motshwanes@yahoo.com