Naledi

Dow o okeleditswe serwe

 

Dow, le bathusi ba gagwe Fedelis Molao le Master Goya gammogo le mokwaledimogolo wa bone, Richard Matlhare, ba ne ba tshegeditse menyenyo kwa palamenteng ka Mosupologo morago ga kabo ya madi a setshaba, ke Tona Kenneth Matambo. Menyenyo ya bo e bakwa ke gore Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le abetswe serwe se segolo go feta maphata a mangwe, sa madi a a kanang ka P10.64 billion kgotsa 28.8 phesente mo lekgolong.

Se se raya gore madi a lephata le le a abetsweng a tla itebaganya le maiteko a go tokafatsa thuto le go lebaganya dikitso le tse di batlwang ke madirelo.

Serwe se se solofetswe go dirisiwa magareng ga tswe dingwe, dituelo tsa barutabana le batlhatlhelela dithuto, dituelo tsa dithuto tse di kgolwane le madi a a thusang go tsamaisa Mmadikolo (UB) le dikolo tse dingwe tse di tsamaisiwang ke puso jaaka tsa ditiro tsa diatla, Mmadikolo wa thutelo temothuo le ditsatlholego, le go amogelwa ga baithuti ba ba oketsegileng ba Mmadikolo wa Maranyane le boitsaanape (BIUST).  Bontlhabongwe jwa serwe bo tlaa dirisiwa go baakanya matlwana a borutelo a dikole tse di kgolwane, go reka dijo tsa baithuti le go tsibogela ditiro tse di botlhokwa tsa letsatsi le letsatsi tsa ditlamelo tsa thuto.

Dorcus Makgato fela jalo, le Mothusi wa gagwe, Dr. Alfred Madigele, le mokwaledimogolo wa lephata, Ms. Shenaaz El Halabi, le bone ba tsholetsa dintshi le menyenyo jaaka Lephata la Botsogo le latela ka P5.75 billion kana 15.5 phesente mo lekgolong.

Madi a kanang ka P4.99 billion, kgotsa 13.5 phesente mo lekgolong la madi otlhe, a abetswe Slumber Tsogwane ka Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Metse ya Selegae. Le ene fela jalo a patilwe ke Botlhogile Tshireletso le Frans Van Der Westerhuizen. Tshireletso o lebanywe ke dikgang tsa tlhabololo makgotla a Setswana, fa Van Der Westerhuizen a lebaganye le bodiredi le tlhabololo mebuso ya selegae jaaka dikhansele.

Shaw Kgathi le ene go lebega a tlaa itoma molomo wa tlase ka e rile bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Tonota, a bolela fa nako e gorogile ya go tiisa itshireletso ya lefatshe leno.

Ene serwe sa gagwe ka Lephata la Itshereletso, Molao le Thokgamo ke P4.95 billion kana 13.4 phesente mo lekgolong, fa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano la ga Tshenolo Mabeo, le tla a fiwa serwe sa botlhano ka bogolo jwa P2.02 billion, kgotsa 5.5 phesente mo lekgolong.

Madi aa setseng, a eleng P7.53 billion kana 20.4 phesente mo lekgolong, a tla abelwa maphata a setseng a puso. Mo go one madi a, bontsi jwa one bo abetswe Lephata la Temo Thuo ka P1.09 billion, le latelwa ke P908.53 million a a akanyetswang go abelwa Lephata la Papadi le Madirelo.

Madi a a solofetsweng go tsamaisa maphata a puso mo ngwageng wa 2016/2017 ke P36.99 billion, fa a tshwantshanngwa le P36.70 billion a a neng a abilwe ngogola.