Naledi

Matambo o nona dipelo ka mathe

Makgato
 
Makgato

Selelo se, go lebega jaanong se tla a arabega, fa go ka diragadiwa jaaka tona ya lephata la Madi le Ditogamaano tsa ditlhabololo, Kenneth Matambo a ne a bolela ka Mosupologo wa palamenteng, fa a rola kgaoganyo ya madi a setshaba, nngwe ya dipuo tse a neng a nona dipelo tsa Batswana ka mathe ka tsone.

Mathambo a re lephata la Dikgaolo le Tlhabololo dikgaolo le tla a nna le madi a a tshwarang didikadike tsa dipula di le makgolo a mararo, masome a mararo le borobabobedi(P338m) go nna one a go tlhabolola kgotsa go isa ditlhabololo tsa ditlamelo kwa makgotla a kaboditsha a bayang Batswana ditsha teng.

A tlatsa ka gore se gape go tla a rotloetsa makgotla a kaboditsha go fokotsa go letela go bewa ditsha tsa bonno ke Batswana.

O ne a tlhalosa gore se se gwitlhilwe ke gore e a re Batswana ba se na go bewa ditsha, ba nne sebaka se se leele ba sa di tlhabolole, mme mabaka a bone e le gore ga gona ditlamelo teng, tse eleng metsi, motlakase le go gokelwa dipompo kgotsa mesele ya kgopo ya metsi a a leswe.

A re puso e solofela fa lephata le le maleba le tla a tlhagafalela go isa ditlamelo pele gongwe le gongwe kwa go tshwanetse ga abiwa ditsha teng, ka go rialo go nne bonolo le go rotloetsa beng ba ditsha go ikagela ntle le tshokolo epe.

Ditlhabololo-Fa a bua ka madi a ditlhabololo go ya ka maphata ka go farologana ga one, tona Matambo o boletse fa lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi le tla a bona dibilione di le tharo le makgolo a le mane a dipula(P3.4b), a re Morupule a tla a tswelela a nna khonse e e botlhoko mo pusong lephateng le ka go tla a nna le madi a a tla a ntshiwang go dirisiwa mo go yone.

 A re fela jalo le tiro ya Rakola e tla a thusiwa ka mangwe a madi one a, a tlatsa ka gore koporose ya motlakase ya Botswana(Botswana Power Corporation) le yone e tla a tswelela e gonya madi ka e tlhokana le go thusiwa ka madimadi go kgona go tswelela le ditiro tsa yone tsa go isa motlakase kwa Batswaneng.

Lephata le la ga tona Kitso Mokaila, tona Matambo o boletse fa le na le kgwetlho e ntsi thata ya go siela Batswana metsi, ka go rialo a bonela fa madi mangwe mo go one a le a abetsweng a tla a thusa mo tirong e tona ya pompo ya metsi go tswa Bokone go ya Borwa ya bobedi, go tswa Palapye kwa Legare go ya Mmamashia mo Borwa jwa lefatshe la Botswana. A re le fela jalo le go fetisetsa metsi kwa dikgaolong le metse mengwe e e mo Borwa.

Kwa Mohembo le gone go tla a utlwala megolokwane ya boitumelo ka le baagi ba teng ba tla a ngathata sekgethe mo go P1.4 bilione yo o abetsweng lephata la Dipalamo, ka go tla a dirwa tsela gone kwa Mohembo, le kwa Gabane Balete ba tla a bina thata ka le bone ba tla a latswa ke tlhware go direlwa tsela ya Gabane/ Mmankgodi. Matambo o boletse gore P200 milione a tla dira ditsela dingwe ka fa tlase ga lenaneo le lesha la go tsosolosa itsholelo la ESP.

Ka lefatshe la Botswana le aperwe ke tlhaelo ya madi, bogolo thata ka mafatshe a a rekang dithoto tsa Botswana jaaka diteemane, kopore le nama a santse a duba thankga ya go tsoga, tona Matambo, o kopile thata maphata a puso go dirisa madi sentle, a tlhomamise fa ditiro di wela ka nako, ka madi a a dumalangweng ebile e le tsa boleng jo bo kwa godimo.

A re go kopa metlaleletsa ga maphata ka ntlha ya tlhaelo ya madi go ka tloga ga oketsa seemo se se maswe se Botswana a iphitlhelang a le mo go sone.

Tona o ne a kopa gape gore dikompone ka go farologana, bogolo jang tse di tla a bong di dira ditiro ka ESP, di tlhomamise fa di akaretsa Batswana, bogolo jang banana, mme ebile le yone tiro di e dire ka matsetseleko le gone go tshegetsa nako ya go wetsa ditiro.

Mo go tsotlhe tse, tona Matambo o boletse fa letlhoko la ditiro le tshwenya thata, mme puso e tla a leka thata mo ngwageng ya madi ya 2016/17 go nonotsha itsholelo le go tlhama ditiro, bogolo jang tsa banana, le gone go tlhwaafalela go dira le go tlhabolola ditsela le dikago, fa le lephata la diphologolo le Bojanala di tla a thusiwa go gola.

Mabapi le badirelapuso le dituelo tsa bone, Matambo o boletse fa puso ka khansele e e tlhokometseng dituelo tsa badirelapuso le dituelo tsa bone le makgotla a babereki di le mo dipuisanong, fela a gatelela gore puso e tsaya badirelapuso tsia ka e itse botlhokwa jwa bone.