Naledi

BTCL e ruta Batswana ka diabe

Kgosi Tikologo Supang a bina le Seopedi se se tumileng sa Botswana Naledi 'Slizer' Kaisara
 
Kgosi Tikologo Supang a bina le Seopedi se se tumileng sa Botswana Naledi 'Slizer' Kaisara

BTCL ya bo ese esi mme e laleditse makalana a mangwe jaaka a PEEPA, ba tiro ya bone e neng ele go rutuntsha ka go ikwadisetsa ditiro tse di ipapaletswang ke puso le makalana a gwebang le yone.

Banka ya BARCLAYS yone e tlhalosa ka fa e thusang ka teng mabapi le kadimo ya madi, le ba Lephata la Dipagamo le Ditlhaeletsayo.

Moemedi wa BTCL, Papiso Makwati, o tlhalositse fa diabe di buletswe go rekwa ke Batswana fela le dikompone tsa Batswana, fa bontlhabongwe bo beetswe babereki ba kompone eo mme tse di salang di tla nama di tshegeditswe ke puso.

Banni ba Boteti ba boleletswe ka ga ditsela tsotlhe tse di lebanyeng tse ba ka di dirisang go ithekela diabe tsa BTCL.

Go boletswe gape fa BTCL e le kompone e e tswang kgakala e dira bontle mo mmarakeng mme ponelopele ya yone e tlhapile, ebile go bonala gore isago e tlaa dira sentle go gaisa mo nakong eno mme seo se e thuse go nna le dipoelo tse di rokotsang mathe.

Ba re se se itumedisang ke gore seabe se le sengwe se rekwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ya P1, e e ka kgonwang ke batho ka bontsi go ikhumisa; ba tlatsa ka gore motho o simolola go reka ka diabe di le sekete go ya kwa godimo (P1000.00). Banni ba Boteti ba ne ba itumetse thata ba tlhalosa gore ba tlaa bala buka ya thekiso ya diabe ka tlhwaafalo le fa gone e kwadilwe ka Sekgoa se se thata. Ba re ba tlaa rekisa bontlhabongwe jwa leruo la bone go reka diabe ka seo e le peeletso ya bosakhutleng.

Go isa molaetsa wa diabe kwa dikgaolong go remeletse mo moonong o o reng “BTCL IPO KE YA RONA ROTLHE!!!” Molaetsa o gasiwa ka ditsela tsotllhe tse di akaretsang bobegadikgang, bodiragatsi le tse dingwe.

Lekoko la thulaganyo e le ne le akaretsa Papiso Makwati wa BTCL, Mosikare Mogege wa PEEPA, Kgomotso Makwati wa lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsanyo le Walter Odirile wa banka ya BARCLAYS.