Naledi

Lelatitswe o ngongorega ka Btv

 

Lelatitswe o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng mme bolela fa lopa gore lephata la kgaso le thape kana le fudusetse badiri bangwe kwa kgaolong ya gagwe.

Lefa gontse jalo, o  ne  gape a rotloetsa banni ba kgaolo ya gagwe go rekisetse bontlhabongwe jwa leruo lwa bone go reka diabe tse di sa tswang go rebolelwa thekiso tsa kompone e kgolo ya ditlhaeletsanyo ya BTCL. A re go dira jalo e tlaabo e le peeletso ya bosakhutleng go ikhumisa.

Lelatitswe o kopilwe banni ba Mokubilo le Mmeya go tlhama dikompone gore ba tle ba kgone go kopa ditiro mo lenaneong la morudisa itsholelo la ESP. Banni ba metse eo, ba ne ba bolelela mopalamente wa bone matshwenyego a bone. Mme le ene a ba solofetsa gore o tlaa kgaratlha a ba buelelela ka tlhwaafalo kwa palamenteng le go ba tlisetsa ditlhabololo.