Naledi

A re bueng ka HIV le AIDS

Jaanong, a re tlhodumele mo kgannyeng ya beke eno mme ke simolole ka go le gakolola ka dingwaga tsa maloba jaaka bangwe ba rona ba ne ba utlwa ka molwetsi wa ntlha go amiwa ke mogare wa HIV mo Botswana.

O ne a nna kwa Selebi-Phikwe, e le mooki wa mme. Ka dingwaga tseo go ne ga lemosega fa ditlamelo tsa botsogo di ne di sa lekana go itebaganya le segajaja se.

Mme seemo se fetogile ka jaana ditlamelo di tokafetse le matshelo a batho a sireletsegile go menagane. 

A ere re ise re tsenelela thata mo ditlamelong, ke lo itsese pele ka botshelo jwa me. Ke mme wa bana bale babedi, mosimane le mosetsana, fa yo o kabong e le gofejane a hulere.  Ke ne ka gwetlhega go itlhatlhobela mogare ka 2001 mme maduo a supa fa kena le mogare wa HIV.

Ka jalo, ke tlaabo ke buisanya le lona ka bolwetse jo ke itseng thata ka jone ntswa ke sena dithutego tse di tseneletseng tsa bongaka. Ke tlaa bua gape ka fa ke itemogetseng ka teng manokonoko a jone mabapi le kalafi. Ka nako ya mogare o befile maloba, lekgobo le kgethololo di ne di ile magoletsa, batho ba ba tshelang le mogare wa HIV ba bitswa maina a lesotlo.

Boeteledipele jwa puso ya Botswana le makalana a a ikemetseng ka nosi mono gae le kwa mafatsheng asele ba ne ba tshwaraganela kgetsi ya tsie.

Mme maiteko a go lwantsha HIV le AIDS a tswa tema dingwa di ntse di tsamaya.  Ke ka moo morago bontsi jwa batshelalemogare ba neng ba kgona go ikamogela mme bangwe ba ipolela phatlalatsa ka seemo sa bone sa mogare. Se sa thusa mo go fokotseng lekgobo le kgethololo.

Ntwa ya bo e boloditswe, dintsho tsa banana, bagodi, ba tota ba neng ba amiwa thata ke mogare ka go oka balwetse, tsa fokotsega. Badiri ba maphata a goromente le makalana a a ikemetseng ka nosi ba simolodisa mekgatlho ya kemonokeng le kgothatso.

Ka mogare o sa tlhaole, o ne wa ama bahumi le ba ba dikobo dikhutshwane mme morago ga nna puo ele nngwe fela gotwe REMMOGO. Ka jalo batho ba simolola go itharabologelwa, itlhatlhobo ya ya magoletsa le go tsena ga lenaneo la diritibatsi le gone ga oketsega.  E ne e rile dingwaganyana kwa morago, batho ba bo ba tletse boitlhobogo.

Mme ka mananeo a a neng a nna teng, seemo se ne sa tokafala. Ka jalo matshelo a bolokesega. Tota le masea, ka lenaneo la thibelo mogare gotswa mo go mmangwana go ya leseeng, la PMTCT.

Batswana betsho, ka ale kalo re tle re tsweledise puisanyo ya rona nako e e tlang. Mme re tlaa itebaganya le maiteko a thibelo mogare a go lebegang a sa tswe maduo a a kgotsofatsang.