Naledi

Dikakanyo ka botshelo jwa kgolegelo

Kakanyo ya go tsena mo kgolegelong obo o tswa o le rre o robalane le ba bangwe e dira gore magolegwa ka bontsi ba tshele ka boikotlhao matshelo a bone otlhe. Gona le megopolo e e farologaneng mabapi le thobalano mo dikgolegelong.

Bangwe ba bona go siame fa ba bangwe ba bona go tsitsibanya mmele gape ele matlhabisaditlhong.

Batswana bangwe ba tlhalositse fa ba ne ba itse kgang e, le gore ke selo se se ntseng se diragala mo dikgolegelong tsa Botswana go tswa dingwageng. “Se ke selo se se ntseng se le teng go tswa bogologolo.  Ka jalo ke nako ya gore setshaba se amogele seemo se”.  ga tlhalosa Nami Rantutu.

Rantutu o bolela gore borre ba, baabo ba dira se ele tsela nngwe ya go ikgotsofatsa. O tsweletse a tlhalosa gore magolegwa a dira se fela mo toronkong mme ere go boela gae ba seke ba tlhole ba dira ditiro tse. “Gase gore batho ba, ba rata go robalana ka bong bo le bongwe.  Baa bo ba dirwa ke lefelo le ba leng mo go lone.” Rantutu a tsweledisa jalo.

“Mogare wa HIV o ama magolegwa ka bontsi ka jalo ke bona go le botoka gore magolegwa a fiwe dikhondomo go itshireletsa fa ba robalana.” go bua Rantutu.

A atolosa kgang ya megare e e amang magolegwa kwa dikgolegelong.

Rantutu are go botoka gore goromente a amogela gore thobalano ka bong-bole-bongwe e a diragala gore a kgone go thibela megare ya HIV le malwetse a mangwe, ka go isa dikhondomo kwa dikgolegelong gore magolegwa ba  ba dirang jalo ba kgone go di dirisa fa ba batla.

Mogolwane wa kereke ya Church for All Nations (C-fan), Olorato Odigetse, a tlhalosa gore le ntswa ditiragalo tse di ka tswa di le teng baebele yone ga e dumalane natso. A re baebele ga e letlelele thobalano ka bong-bo le-bongwe le fa seemo se le thata jang. “Mo lekwalong la Leviticus baebele ya re, monna o ka se robalane le monna yo mongwe jaaka a ka dira jalo le mosadi”. Odigetse a gatelela.

O tsweletse a  tlhalosa fa motho a robalana le yo mongwe ka gore o tshwaregile. Go raya gore o paletswe ke go itshwara ka jaana baebele e laola gore motho a seka a ineela mo maikutlong a senama mme a itshokele go fenya kgwetlho e.

Odigetse o tsweletse a tlhalosa fa thapelo e ka isa motho kgakala. “Fa motho a rapela o ka fenya mathata ka bontsi kwa dikgolegelong le gone tota go hema go felela kwa kgolegelong,” ga bua Odigetse.

Odigete o ne a konela ka gore dikgang di tshwana tse di thata go rarabololwa. Mme o ne a baya tshepho mo pusong go tswa ka maano aa lebaneng go rarabolola mathata a thobalano ka bong bo le bongwe kwa ditoronkong.