Naledi

A bana ba rutwe ka HIV/AIDS-Louis

Louis yo eleng motho wa letso la Sesarwa kwa Motlhabeng, o buile jalo ka Sontaga wa beke e e fetileng jaaka Naledi e ne e jetse nala kwa lefelong leo go batla maikutlo ka fa morafe wa Sesarwa o lwantshang mogare wa HIV ka teng.

Mangwe a mafelo ao ke Motlhabeng, Mapete, Metsiaaela, Kgarapamkao, Keazowa, Setoto le Kgokonyane.

Louis yo o tlhalositseng gore ke ene mokgothatsi yo mogolo wa twantsho mogare wa HIV mo morafeng wa Sesarwa, a re bana ba tshwanetse ba rutuntshiwa ka twantsho HIV ba sale dikolong tse dipotlana. A re puso ya lefatshe leno e tshwanetse ya tiisa tirisanyo mmogo ya yone le bana-le-seabe botlhe go akarediwa makgotla mangwe a a ikemetseng ka nosi, go lwantsha HIV.

“Puso ya rona e dira gotlhe go re thusa ka go anamisa melaetsa le gone tota go re alafa ka diritibatsi mahala jaaka o utlwa ke re nna ke di nwa ke sa iphitlhe,” Louis a tlhalosa.

A re le fa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko go bona go santse gona le mogare o mosha o o tsenang batho segolobogolo banana, ba eleng bone bagogi ba lefatshe leno isago. A re ruri seo se tshwanetse go tsibogelwa ka tlhwaafalo go kganela mogare o mosha go tsena mo bathong gore tshaba ya Botswana e seka ya wela ka kgatampi.

O tsweletse a kgala a menne phatla batho bangwe a re fa ba lemoga gore ba tsenwe ke mogare ba simolola go o anamisa ka bomo. A re seo gase a tshiamo gotlhelele. Louis a re go dira jalo ke go tlhoka boikarabelo. A re le fa gone gona le bana bangwe ba ba neng ba tlhoka lesego go tsholwa ka mogare, go tshwanetse ga bolokwa tshaba eno ka go dibela seemo sa ba ba iseng ba tsenwe ke mogare.

Kgosi  Alfred Petelelo wa Metsiaaela le ene o dumela fela jalo gore thuto e tshwanetse go simolola kwa moding gore maiteko a kgonege. A re o lemogile gore batho ba morafe wa gagabo wa Sesarwa ba amilwe thata ke segajaja. A re seo se dirwa ke gore bontsi jwa bone ba itontela nnotagi mo kgabagare ba palelwang ke go tsaya ditshwetso tse di maleba mo thobalanong. O boletse fa bao ba ba setseng ba simolotse kalafi ba sa e tseye sentle.

Morutabana wa sekole se sebotlana sa Retlhatloleng, Mme Kelly Ntoi, a re o dumela gore fa go ka bewa tshepho mo baithuting go tswa kwa moding kgabagare mogare o ka nyelediwa. O tladitse ka go kopa batsadi go nna le seabe mo go rutuntsheng bana ka borai jwa HIV le AIDS.