Naledi

Mekaloba e loma teemane ka meno

 

Se jaanong se tlogela barati le balatedi ba tsone ba na le pelaelo ya gore a mme tota di tlaa kgona go boela kwa liking e kgolwane ya beMOBILE.

Morago ga go simolola ga liki ya borwa ka mafelo a beke, ditlhopha tse ditona tse di tsewang jaaka mekaloba ya liki yone e mo kgaolong ya borwa di iphitlhela di swabile jaaka di paletswe diphenyo go ipaya mo maemong a mantle mo lokong le go romela tlhagiso mo ditlhopheng tse dipotlana.

Ditlhopha tse go neng go solofetswe gore di tlaa simolola legato la monongwaga ka nnoto e e kwa godimo ka mafelo a beke, ebong Mogoditshane Fighters le Unioa Flamengo Santos di ne tsa tsena mo lebaleng go batla dinno le dintlha tse tharo.

Barati le balatedi ba liki e ba ne ba solofetse fa motshameko o o tlaa nna thata ya lentswe.

Go ne ga nna jalo ka o ne wa tlola ditlhatse mo o ileng wa felela ka maleka go naya ditlhopha tsoopedi ntlha e le nngwe.

Le fa motshameko o fedile ka maleka jaana, ditlhopha tse di na le tiro e ntsi ka liki e fenngwa ka dintlha tse dintsi. Mme go le botlhokwa gore setlhopha sengwe le sengwe se se eletsang go fenya liki se kokoanye dintlha tse tharo go sale gale.  Di tshwanetse go gakologelwa puo e e reng mosele wa pula o epiwa go sale gale, ka gore fa di ka lebala se, di tlaa salela morago fa tse dipotlana jaaka Black Forest di phamola liki.

Kwa bokone le gone pina e ne e le ya go thulana ga mekaloba ya liki ya koo. Gape ya toropokgolo ya bobedi, Francistown, ebong TAFIC le ECCO City Greens, tse le tsone di santseng di goga ka bokete go bona dintlha tse tharo monongwaga.

Fa di tsena mo lebaleng go lwa jaaka diselammapa ka Matlhatso, barati le balatedi ba tsone ba ne ba itse fa motshameko  o tlaa seke o nne bonolo ka gope.

Ntwa e le ya tsone ya bogologolo tala di santse di le mo liking e mmogo le fa di le kwa go ya beMOBILE mmogo ea go tsogologa.

Ntwa e ne ya nna thata, ditlhopha di sa batle ka gope go swabisa babogedi. Kitso e le ya gore dintlha tse tharo ke tsone tse di botlhokwa ka di ka di thusa go tlhatloga. Fela, mashetla a bo a lekana.

Se se ileng sa dira gore motshameko o fele ka maleka go dira gore ntwa ya liki e e tswelele e thatafalele pele.