Naledi

Liki ya banana ba Under 15 ea simologa

 

Se se tlhomamisitswe ke mogolwane wa liki eo Rre Bolokang Tlhale, yo le ene a leng monana.

Tlhale o tlhomamiseditse Naledi mo potsolosong ka Labotlhano wa beke e e fetileng gore go tlaa sha legong go sala molora, fa ditlhopha di tlaabo di supa ditalente tsa tsone mo kgweleng ya dinao.

A re bone e le banana ba kgaolo eo ba itumeletse tshimolodiso ya liki eo ya banana ba dingwaga tseo. Are seo se tlaa rotloetsa banana ba ba nang le ditalente tsa kgwele ya dinao go di supa le go di betla sentle. Metseletsele e e tlaa akaretsa ditlhopha tsa Boteti go balelwa le tse tharo tsa bomme.

O galaleditse kompone e kgolo ya kepo ya diteemane, DEBSWANA, go bo e le yone ee ba thusang seo ka go ba rotloetsa ka madi le go abela ditlhopha dipaka tse disha.

A re go setse go le pepeneneng gore le fa gona le bothata jwa letlhoko lwa madi go tsamaisa motshameko wa kgwele ya dinao go tswa kwa moding, fela go a iponatsa gore o setse o godile mo kgaolong ya bone.

“Ga ke tshabe go bua ke ntshitse sehuba ke re mo Boteti kgwele ya dinao e godile thata mo ebile ditlhopha dingwe tsa bomme di boitshegang thata jaaka pula ya dikgadima.” Tlhale a ipoka jalo.

A re mo malatsing a makhutshwane o tlaa bo a kopanye le boeteledipele jwa BFA mo kgaolong go bolela letsatsi la tshimologo ya metshameko ya liki eo.

O gakolotse batsamaisi ba motshameko go akarediwa le ba ditlhopha tsotlhe go sala melawana morago gore liki eo e tle e tsamaye sentle.

Baeteledipele ba ditlhopha tsa banana ba ba akaretsang Herry Engleton, Tshiamo Mollowakgosi Mogale, Kelly Ntoi, le ba bangwe, ba re fa letsatsi la phala ya ntlha le goroga ruri dikgaga di tla remana ka matlape ka motshegare o motona.

Mme ba ba marapo a thata ke bone ba ba tlaa fetogang bafenyi ba liki eo. Mothusa monnasetilo wa komiti ya BFA mo Boteti, Rre Batsho Dubani, o ne a eleletsa ditlhopha tsotlhe masego le matlhogonolo.