Blogs

Leo ga le yo

Gompieno ga go buiwe ka lefelo lepe le le gare ga naga. Go buiwa ka lefelo le le mo gae, le le gaufi, mme e bile le le nama e le nngwe le Serowe. Jalo he, re dumela gore ba le bantsi ba itse Palapye mme ga go re re tseye matsapa ape go leka go kaya gore o ntlha efe ya fatshe jeno. Motswana o a tle a re le aramelwa le sa tlhabile. Le ile marung o ka tlhola o le bona kae? Ga go na. Phuthego ele, ya bo e le gone fa le tlhabetse morafe wa Serorome mme wa le aramela.

 Re utlwa fa morafe o ne wa tla ka dilelo tsa one, wa itekodisa mopalamente. Tseo dilelo e le dife? Ga twe, morafe o ne wa lela ka seemo se se maswe sa ditsela tsa kgaolo. Go bonala fa ditsela tse di sa agega mme ka nako ya pula di tlala metsi, metsi a elele a tsene mo malwapeng. Go kaiwa fa e a re go ntse jaana, malwapa a fetoge merwalela batho ba palelwe le ke go dira ditiro tsa bone tsa gale le gale. Se, e se ke e nne seemo se se monate. Motswana a re, se tlhokise batho boroko. Re utlwa gore gape, morafe wa lela ka khampane ya Makoro Bricks.  Selelo e le gore Makoro Bricks e lorole thata mme seo, ga se a siamela botsogo jwa badiri ba yone. Go bona seemo se ntse jaana, morafe wa tla ka mogopolo wa gore mopalamente le makhanselara, ba etele Makoro Bricks go ya go bona gore, a mme e setse morago melawana ya tshireletsego ya botsogo jwa badiri ba khampane eo. Mme ga se ka ga felela foo. Go kaiwa fa Kgosi Samuel Maforaga, wa Serorome, le ene a ne a supa fa gape go le matshwenyego mangwe.

Ga twe kgosi o ne a bolela fa kgotla ya gagwe e tletse borukutlhi. Mme batho ba bo ba ka tshela sentle jang fa gare ga dirukutlhi? Ga go na. Go tshwane fela le loruo lo le gare ga dibatana. Go leka go hema seemo, kgosi a ntsha mogopolo wa gore mopalamente a kope mapodisi go lala a tsamaya mo mebileng go lwantsha borukutlhi. Re re, a go nne jalo batho ba tle ba kgone go tshela ka phuthologo, ba sa boife go tlhaselwa le go nna ba senyediwa ke dirukutlhi. Ga nna ga tla mme kgosi a ikuela gore kokelwana ya Kediretswe e nne le badisa dikago go e tlhokomela letsatsi lotlhe; ke gore go tswa moso go tsena maitseboa go babalela balwetse le baoki ba yone. Go bolelwa fa balwetse le baoki ba Kediretswe ba tshwenngwa thata ke banwi ba bojalwa ba marekisetso a a gaufi le kokelwana eo. Go bo go ntse go se monate. Balwetse ba ka sidilega ditlhabi jang, baoki ba dira tiro ya bone sentle jang, gare ga modumo wa banwi ba bojalwa? Go nne thata. Re dumalane gore, a dikgato dingwe di tsewe go ritibatsa seemo se. Ga nna jalo morafe wa itekodisa mopalamente. Godimo ga moo, polelo ya re, ba Serorome, ba lebogela mopalamente le makhanselara go bo ba tle ba tshware diphuthego mo dikgotleng le dikgotlana tsa bone. Banni ba bona fa seo se le molemo ka ke go ba fa sebaka sa go ba itekodisa.

E rile re ntse re etsa phokoje, re sesela, ra kopana le Dikgang (Daily News) Hirikgong 14 2020 mme ra sela polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Serorome foo. Fa e bua ka fa e reng Kgosi Samuel Maforaga o ne a supa ka teng gore ke eng kokelwana ya Kediretswe e tshwanetse go nna le badisa dikago polelo ya re;

‘Kgosi gape a re …..kokelwana…..e nne le badisa dikago…..go seriletsa balwetse le baoki …..’

Potso e nne e botse gore, a fa godimo fa, o bona phoso nngwe kgotsa ga go epe phoso? Fa o re ga go phoso epe, ke eng o bua jalo? Mme fa o bona phoso nngwe, ke efe, ke eng e le phoso? Gape, o ka e baakanya jang? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona phoso re bona e le lefoko ‘seriletsa.’ E le eng re re phoso e foo? E le ka gore lefoko leo ga le a kwalwa, kwadiwa, sentle. Gongwe o botse gape gore, e le eng re re lefoko le ga le a kwalwa sentle?  Go go araba re re, ke ka gore ditlhaka tse dingwe mo go lone di fapaantswe.

Fa e ne e le dipholo di golegile, re ne re tlaa re, e e ka bong e le fa gare, Nylon, e kwa morago mme e e ka bong e le  kwa morago, Albion, e fa gare. Gongwe o tswele pele, o botse gore mme go baakanngwe jang? Re re, go baakanya, a ditlhaka tseo,‘e’ yole , le ‘i’ yole di fapaane gape;  ‘i’ a ye kwa go ‘s’ yole wa ntlha. ‘e’ ene a tswe koo, a ye kwa go ‘r.’ Go dirilwe jalo, lefoko leo, le felele e le ‘sireletsa’ e le lone lefoko la tlhomamo, e seng seriletsa. Leo lone ga le yo. Setswana ga se na nalo.