Blogs

Go kwadilwe jalo ke lesupi

Re ne ra utlwa gore gone koo, ba Serorome ba tla ka dilelo tsa bone, ba itekodisa mopalamente. Ga twe ba ne ba lela ka seemo se se maswe sa ditsela tsa kgaolo ya bone. Ga bonala fa ditsela tse, e se tsone sentle, di sa agega, mme e re ka nako ya pula di tlale metsi. Go ya ka polelo, metsi ao, a elele, a tsene mo malwapeng mme malwapa a  fetoge merwalela batho ba palelwe ke go dira ditiro tsa bone. Re dumalane gore, se, e se ke e nne seemo se se monate. E re batho ba ka bo ba itumelela pula, ba lelele gore e ba diela ditiro.

 Go sale foo, morafe wa supa fa o tlhobaela ka botsogo jwa badiri ba khampane ya Makoro Bricks ka e lorole lo lontsi. Gone fa, morafe wa  kopa gore mopalamente le makhanselara ba etele Makoro Bricks go ya go bona gore a e sala morago ditshetlana tsa tshireletsego ya badiri ba yone.

Re re, a go nne jalo. Oo mogopolo, ke one botlhale jwa phala jo Motswana a reng bo tswa phalaneng, fa phala yone e ruta phalana molelo, go lela. Fa e ntse e tsweletse, polelo ya supa fa selelo e ne ya se ka ya nna sa morafe fela. Re ne ra utlwa gore Kgosi Samuel Maforaga, wa Serorome, a ntsha matshwenyego a gore  kgotla ya Serorome e tletse borukutlhi. Seo, se se ke se robatse morafe wa Serorome. Re ne ra utlwa gore, go bona go ntse jalo, kgosi a ntsha mogopolo wa gore mopalamente a kope mapodisi go lala ba tsamaya mo mebileng go lwantsha borukutlhi. O, le one, e bo e ntse e le mogopolo wa go tlhwaelwa tsebe, wa dirafadiwa.

Re setse re boletse fa polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Serorome, kwa Palapye, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Hirkgong 14 2020.

 Fa e bua ka fa e reng Rre Kgamanyane o ne a ikaya ka teng fa a kgona go bereka, go dira ditiro dingwe, ntswa e le mo-na-le-bogole, polelo ya re,

‘Rre Kgamanyane o tlhalositse fa ene e le mo-na-le bogole yo o nang le bokgoni, yoo o ka berekang …..’

Ke eo kgang. Ka a mabedi fela mme ga a bonele gongwe, a re utlwe gore wena fa godimo fa, o bona eng. A o bona phoso nngwe, kgotsa, o tlaa re ga go epe phoso? Re botse gore fa o re ga go phoso epe, ke eng o rialo? Mme gape fa o bona phoso nngwe, ke efe, ke eng e le phoso, e bile e ka baakanngwa jang?

Re re, ga re itse gore karabo ya gago e tlaa reng. Mme rona ra re, re bona phoso e le lefoko ‘yoo.’ O botse gore ke eng re re phoso e fa. Go go araba re re, jaaka re tle re nne re supe ka mafoko mangwe, phoso fa ke gore go tshwaragantswe mafoko a a ka bong a sa tshwaragana. Ga nna jang? Mafoko a, a felela a dira lefoko le le ka bong le sa dirisiwa foo ka fa go kwadilwe jalo, jaaka re bona, lefoko leo ke lesupi. Go fetela pele re re, fa ba ruta, ba re lesupi le mefuta meraro. 

Ba re, mohuta wa ntlha o supa se se gaufi le mmui, wa bobedi o supa se se gaufi le mmui le mmuisiwa, fa wa boraro one o supa se se kgakala le boo babedi; mmui le mmuisiwa. Go tlhalosa se, a re tseye sekai re re, Thetlwana o a tsena mme o fitlhela Tshelwana a tshotse ngwana.

Ka Thetlwana o itse fa Tshelwana a se na ngwana, o raya Tshelwana a re, ‘Ngwana yo ke wa ga mang? Tshelwana o araba ka gore ngwana ke wa ga mogolowe, wa ga Tshelo, mmaagwe o sa ntse a ile go ga morogo. Thetlwana o dirisa lefoko ‘yo’ ka o bua ka ngwana a le gaufi le bone, mmui le mmuisiwa.

A jaanong re re, Thetlwana o fitlhetse Tshelwana a le fale mme a se ka a mo atamela.  E tlaa re a botsa ka ngwana a re, ‘Ngwana yoo wa ga mang?’ O botsa jaana ka ngwana o kgakala le ene, e le mmui mme o gaufi le Tshelwana yo e leng mmuisiwa.

A jaanong re re, Tshelwana o fale, o katogile Thetlwana mme o ntse o tshotse  ngwana. E tlaa re Thetlwana a botsa ka ngwana a re, ‘Ngwana yoo wa ga mang?

Fa,Thetlwana o dirisa lefoko ‘yoo’ ka o bua ka ngwana a le kgakala nae (mmui) mme a le gaufi le mmuisiwa, e leng. Tshelwana. Go ntse jaana, lefoko ‘yoo,’ le bo le dirisitswe sentle, le dirisitswe e le lesupi.

A gape re re, Tshelwana o fale, o na le ngwana o a ja. Fa a botsa ka ngwana yole, Thetlwana a re, ‘Ngwana yo o jang yoo, ke mang?’ Fa, o tlaa nna o bone gore lefoko ‘yoo’ le dirisitswe e le lesupi mme le farologane le mafoko ‘yo o’ a one e leng magokedi.

Jaanong ka fa godimo fale, lefoko le ga le dirisiwe e le lesupi, mafoko a a mo go lone, a tshwanetse go kgaogana ya nna ‘yo o.’  Mme polelo e reng?

 Polelo e re, ‘Rre Kgamanyane….. yo o nang le bokgoni…..’ Ba re mafoko a, ‘yo o’ ke magokedi. Re wele re re, a ka gale re itse fa lefoko ‘yoo’ e le lesupi mme le se dirisiwe boemong jwa legokedi. Go dirwa jalo, go lolame.