BONELA e gwetlha botsogo kwa dikgolegelong
Correspondent | Wednesday January 27, 2016 16:55
Thelo a re ga gona lenaneo la go tlhatlhobelwa mogare pele ga motho a tlhatlhelwa. A re bangwe ba tsena mo kgolegelong ba sena mogare mme ba tswe ba tshela ka one.
Mafoko a ga Thelo a agelwa mosako ke lekgotla le le itebagantseng le go tsibosa setshaba ka mananeo a ditshwanelo la BONELA. Mo boemong jwa BONELA, Phazha Molebatsi a re ba itse ka seemo sa borre ba ba robalanang ka bong-bole-bongwe kwa dikgolegelong.
Go ya ka karabo ya lekgotla le ya mokwalo, magolegwa mangwe a robalana le amangwe ese ka gobo ba rata mme ele ka seemo sa mabaka a kgolegelo.
Molebatsi o tswelela a bolela fa ele ruri magolegwa a inaakanyana le thobalano ya bong-bole-bongwe fa bale mo kgolegelong mme e re fa ba gololwa ba boele mo seemong sa bone sa pele sa thobalano le bapati kana basadi ba bone. A re mo mabakeng a mangwe, magolegwa a patelesega go robalana le ba bangwe ka go bo ba kgerisiwa, le poifo ya masaitseweng a botshelo jwa kgolegelo.
BONELA ya re ere ntswa go sena dipatlisiso tse di bolokilweng tsa kanamo ya mogare wa HIV mo dikgolegelo tsa Botswana, tota le kwa mafatsheng a mangwe, tiriso ya dikhondomo e bolelwa ele tsela e e ka sireletsang magolegwa go amiwa ke mogare wa HIV.
“Go tshwanetse ga tsibogelwa seemo se go ka diragala gore bontsi jwa batho ba ba tsenang kgolegelo ba sena mogare, ba seka ba amiwa ke o ne ba le mo teng,” Molebatsi a tlhalosa jalo.
“Fa re sekaseka seemo sa ka fare lwantshang mogare wa HIV ka teng, re tshwanetse gape ra sekaseka go abela magolegwa dikhondomo, tota re itebagantse le ka fa re sa kgoneng go laola dikgwetlho tsa kanamo ya mogare ka teng,” Molebatse a konela jalo.
BONELA ya re goromente o tshwanetse a netefatsa gore Batswana ba sireletsegile mo go amiweng ke mogare wa HIV, bogolosegolo magolegwa, ka gore fa ba gololwa fa ele gore ba amilwe ke mogare bale mo kgolegelong, ba o anamise mo setshabeng se ba boelang mo go sone. Lephata la dikgolegelo le reteletswe ke go busa phetolo ya dikarabo tse dineng di le romeletswe.