Blogs

Lonao ga se leoto

Re setse re kile ra supa gore dilo tse ga di tshwane. Re ne ra re, leoto ga se lonao, lebogo le lone ga se seatla. Ra tswelela ra re, seatla ke karolwana ya lebogo e re tshwarang ka yone. Gape ra re, pele ga re tshwara dijo, re tlhapa diatla. Ke eng re tlhapa diatla? Re tlhapa diatla gore re se ka ra tshwara dijo ka leswe ka gore, re tshwara dijo ka seatla, e seng ka lebogo. Go supa gore re tshwara ka diatla, seane sa Setswana se re, ‘Moatlapedi(motho yo o diatla pedi ) ga a she.’

Fa re ya le seane se ka fa se buang ka teng, se raya gore, motho yo o nang le diatla di le pedi ga a she ka e tlaa re a tshwere sengwe se se molelo, e re a utlwa seatla se a tshwereng ka sone se e sha, a tlodise koo a ise ka kwa go se sengwe. Mme gone seane se raya eng. Seane se raya gore, motho yo o nang le mothusi (motho yo o mo thusang) ga a imelwe ke tiro ka e tlaa re a utlwa go le thata, a bitse yole go mo thusa. Go ntse jalo ka seatla. Lebogo ke karolo yotlhe ya mmele go tswa kwa legetleng go ya kwa tlase fa seatla sone e le karolwana ya lebogo e re tshwarang ka yone. Ka gore kgang ya gompieno ke ka leoto le lonao, a re name re tlogetse ya seatla foo, re bue ka lonao.

Fela jaaka lebogo, leoto ke karolo (bangwe ba tlaa re serwe) yotlhe ya mmele, go tswa kwa godimo (kwa nokeng) go ya kwa tlase. Lonao lone ke eng? Lonao ke karolwana e e kwa leoto le felelang teng. Karolwana e ke yone e re gatang ka yone. Ka lonao ke lone re gatang ka lone fa re tsamaya, Setswana, sa re motho o tsamaya ka dinao.

Ee, nako nngwe go ka twe motho o tsamaya ka maoto, mme foo, go a bo go lebilwe seemo sengwe se se rileng. A re re, ka go tlhoka lesego, e rile Mheti a le kwa tirong, a segwa ke tshipi mme ya mo kgaolo leoto.  Ka ke yoo ga a na leoto le lengwe, e tlaa re go buiwa ka ene go twe, o tsamaya ka leoto le le lengwefela. Mo e tlaa bo e le go raya fela gore Mheti ga a na leoto la ntlha e nngwe.

Gore re tle re tlhaloganye kgang ya leoto le lonao sentle, a re tseye sekai re re, jaaka re bonye maloba, Mhedi o timetse. Go feta malatsi a ntse a sa bonwe. Ka go tlhobaela, batho ba a tswa ba ya go mmatla. E tlaa re fa ba tswa, pele ba batle fa Mhedi a fetileng teng. Fa ba ka bona a gatile golo gongwe ka setlhako, go tlaa twe go bonywe setlhako sa gagwe. Mme fa a gatile ka lonao go twe go bonywe lonao lwa gagwe. Go twe lonao ka jaana motho o tsamaya ka dinao e seng ka maoto. Go twe setlhako ka o tlaa bo a rwele ditlhako.

Gongwe re ka fetela pele ra supa gore, dilo tsotlhe di na le dinao mme dinao tse, di farologana ka maina, go ya ka gore ke lonao lwa eng. A re boe re re Mhedi ke yoo o dule o ile go batla dikgomo.

Fa a ntse a tsamaya, o bona fa nngwe ya dikgomo tsa gagwe e fetileng/gatileng teng. A Mhedi o tlaa re o bonye leoto, kana lonao, kgotsa a re o bonye tlhako ya kgomo ya gagwe? Mhedi o tlaa a re o bonye tlhako ya kgomo ya gagwe, e seng leoto ampo lonao.

A jaanong re fetole kgang re re, bosigo bongwe, dikgomo tsa ga Mhedi di tlhaselwa ke ditau. Letsatsi le le latelang, fa Mhedi a ya kwa sakeng, o bona fa ditau di fetileng teng.

Gone fa re tlaa re Mhedi o bonye eng? A o bonye leoto la tau, lonao lwa tau, ampo o bonye tlhako ya tau? Karabo ke gore Mhedi ga a bona leoto, ga a bona lonao, ga a bona tlhako, o bonye leroo/letshoo la tau.

Kgang e wela e reng? Kgang e wela e re lonao le leoto di a farologana. Dilo tsotlhe, e bong motho, phologolo, sebatana le nonyane, di na le maoto mme mo go tsone tsotlhe, leoto le nne le bidiwe leoto. Go ntse go ntse jalo, dilo tse tsotlhe di na le dinao mme dinao tsone di farologane ka maina. Fa e le motho ke lonao. Fa e le phologolo jaaka kgomo ke tlhako mme fa e le sebatana ke leroo. A re se tsiediwe ke gore lonao ke bontlha bongwe jwa leoto mme ra lo bitsa leoto. Lonao ga se leoto.motshwanes@yahoo.com