Blogs

E ntse ke eo

Re kopana gape le polelo nngwe ke eo, e  supa fa e ne ya re e ntse e le ka yone kgwedi ya Hirikgong monongwaga, ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Oliphant’s Drift kwa Kgatleng. Go kaiwa fa phuthego e, e ne e tshwerwe, bangwe ba re e ne e buisiwa, ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule. Bangwe gape, ba ditsala tsa rona, ba re motse oo, ke one Olifane. Gongwe ka fatshe leno le namile mme mafelo mangwe a lone ga re a itse, mongwe a botse gore mme ene Olifane yoo, tota o kae. Go araba yoo ba re, a a tseye tsela ke eo, e tswa mo Mochudi, e leba botlhaba e ya Sikwane. Gone koo, go molelwane wa Botswana le Afrika Borwa. Gape, gone foo, go motse o bidiwa Mmathubudukwane. Jaanong, fa a batla go ya Oliphant’s Drift, go tsela ke eo, e ralala motse o, e leba bokone mme a e wele. Ba re, a le mo go yone, o tlaa feta ka Ramonaka, a fete ka Malolwane. A se na go feta Malolwane, a tsene Oliphant’s Drift. Foo, mosepele o bo o wetse, a  gorogile kwa polelo e reng mopalamente Mabuse Pule o ne a tshwara phuthego teng.Mme yone phuthego ya Olifaneya tsamaya jang?

Polelo e supa gore, gone koo, mafoko magolo a ga mopalamente ya nna go kgothatsa morafe go ema ka dinao o itirela. A supa gape fa go na le mananeo a a farologanyeng a puso a go leka go thusa Batswana go tlhatlosa, go tokafatsa, matshelo a bone mme manane0 a, a tshwanetse go dirisiwa. Fa, Rre Pule a bo a ne a setse Setswana morago fa se re motho ga a direlwe e se nama. Gongwe o botse gore yone nama e a bo e direlwa eng?  Re re, nama ga e direlwe sepe, go bua jalo, e a bo e le go kgabisa puo fela. Re itse gore pele ga nama e apewa, e a segelelwa, bangwe ba re  e a kgabetlelelwa, e dirwe ditoki, ditokinyana, gore e tle e butswe sentle. E re go dirwa jalo, go segelelwa, go kgebetlelelwa e nne gone fa Motswana a direla nama. Mme fa a re, motho ga a direlwe e se nama, a bo a raya gore, go itshetsa, go tshela sentle, motho o tshwanetse go ema ka dinao, a tshwara ka diatla, a itirela e seng go akanya, kana, go solofela gore motho mongwe, o tlaa ema a mo direle, ene a ntse fela, a thubile kobo segole. Go ntse jalo, botshelo bo bo bo ka tswelela pele jang? Bo nne thata mme mongwe a tloge a re o tshela ka bosesane. A bua jaana a lebala gore motho o tshwanetse go tshela ka mohuhutso wa phatla e seng ka go thakgalala le ka go thuba kobo segole. 

E rile re ntse re anapa ra kopana le Dikgang (Daily News) Hirikgong 21 2020 mme ra sela polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Oliphant’s Drift foo. Fa e bua ka fa e reng o ne a supa fa a batla go thusa morafe wa Oliphant’s Drift, polelo ya re;

‘O ne a itlhaopa go rekela lefelo la motlobo wa dibuka la Oliphant’s Drift computara.’

Potso e nne e nne gore, fa godimo fa, o bona eng? A o bona go le phoso nngwe, kana, ga o bone sepe?  Fa o re ga go epe phoso, ke eng o rialo? Mme fa o re go phoso nngwe, ke efe, ke eng e le phoso e bile e ka baakanngwa jang? Re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bona phoso e le lefoko ‘itlhaopa.’ E le eng phoso e le foo? E le ka gore lefoko leo le na le tlhaka e e sa tshwanelang go ka bo e le mo go lone. Gongwe o botse gore tlhaka eo, ke efe? Re re, tlhaka eo, ke ‘l.’ Re fetele pele re re, re setse re kile ra bona mafoko mangwe a mo go one, jaaka re bona gompieno, go neng go dirisitswe tlhaka e, go sa tshwanela. Godimo ga moo, ra tlhalosa gore, ga go na molao ope wa go kwala, o o supang, o o rutang, ore mo mafokong mangwe, ‘l’ yo o tsena fa kae, ga a dirisiwe fa kae. Go sale foo, ra re, go itse sentle gore tlhaka e, e dirisiwa jang, a e re re ntse re bala Setswana, le re reeditse ba bangwe ba bua, re ele tlhoko gore ‘l’ yo, o tsena fa kae, ga a tsene fa kae. Mme tlhaka e, e ntse ke eo, ga e a dirisiwa sentle. Gape, a re ne re elatlhoko gore go a bo go buiwa ka eng. Jaanong, a re bone dikai ke tse. Motswana o a tle a re o tlhaba kgomo, a raya gore o a e bolaya. Gape lefoko le, fa o tlhatlosa lentswe, le reye mmala wa kgomo e tonanyana jaaka Tlharapana a ka raya Kitimetso a  re, ‘Poo e tlhaba ga e ise e goroge, o timeditse.’ Mo go a mafoko, ‘l’ yo a bo a dirisitswe sentle.  Mme gape, go nne le lefoko thaba le raya mo bangwe ba tle ba re ke lentswe. Gape go nne le tlhaga e le bojang fa thaga yone e le nonyane. Go digela kgang ya rona re re, jaaka, ‘thaba’ ‘thaga,’ lefoko ‘ithaopa’ ga le na ‘l.’ Jalo he, polelo e ne e tshwanetse gore e re, O ne a ithaopa e seng ‘O ne a itlhaopa go rekela…..computara.’