Blogs

Ga se go tswa maoto

Go ntse go ntse jalo, nako nngwe, mopalamente o ka etela motse mongwe , a ile koo go reetsa kgang nngwe e morafe o tlaa bong o na nayo.  Mopalamente o ka tsamaya mosepele  wa go nna jaana a romilwe ke puso, kana a kopilwe ke  morafe go ya koo.

 Go utlwala fa e rile ngwaga o o fetileng ka Lwetse, mothusa tona ya Lephata la Dikgaolo wa nako eno, a ne a tsamaya loeto lwa go nna jaana a ne a kopilwe ke morafe kwa Kudumatse go ya go thusa koo. Go bolelwa fa go ne go na le kompone nngwe kwa motseng oo, e e neng e gweba ka motlhaba mme e se na tetla ya go dira jalo. Ga twe, selo se, se ne sa se ka sa itumedisa batho. Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, batho ba Kudumatse ba  ikuela mo pusong.  Ga twe morafe wa re o ne wa kwalela maphata mangwe a puso go itela mo go one. 

Kgang e ne e re, kompone eo, e ne ya tla go epa motlhaba mo motseng, bagolo ba motse, e bong dikgosi, makhanselara le lekgotla la ditlhabololo tsa motse (VDC), ba sa itse sepe.  Selo se, sa belaetsa batho gore a tota kompone e, e filwe tetla ka tsela e e tlhamaletseng.  Mme selelo segolo ya nna gore kompone e, e tsaya motlhaba mo nokeng e e leng yone e belegeng morafe. Ga twe didiba tse di nosang batho le loruo lwa bone di mo nokeng e. Godimo ga moo, motlhaba o go lelwang ka one o, o epiwa gone tota fa metsi a leng teng. Seleo ya nna se se botlhoko. Fa batho ba sa nwe, loruo lwa bone lo sa nwe, botshelo e bo e le eng? Go nna thata.

Ga twe e rile go tlatsa se batho ba neng ba lela ka sone, modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha kwa Mahalapye, a bolela gore, tota ka fa molaong, morafe o ka bo o ne wa rerisiwa ka go epiwa ga motlhaba mo motseng wa bone. A tswelela a tlhalosa tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa pele ga motho a ka letlelelwa go epa. Go lebega fa tse tsotlhe, kompone eo e ne ya se ka ya di sala morago. Se, ya nna sone se se neng sa belaetsa, sa ba sa letsa banni ba Kudumatse.

Jaaka re setse re kaile fa godimo fale, morafe wa  se ka wa itumelela ka fa kompone ele e dirileng ka teng mme wa itela mo pusong. Ka selelo sa ngwana ga se ke se tlhoka go tlhaba motsadi pelo, ga  twe, Mme Botlogile Tshireletso, yo motse wa Kudumatse o leng mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi,  a  tlhabega, mme a ya koo, go ya go utlwa gore molato eng. Fa e bega ka tiragalo e, Dikgang/Daily News (Dikgang Labone Lwetse 03 2015) ya re;

‘E ne e rile go le pele, Mme Tshireletso a tlhalosa fa dikgang tsa gore ga ba batle kompone eo  di gorogile kwa ofising ya gagwe..... mme o bone go tlhokafala gore a tswe maoto a tle go itseela ka tsebe.....’

A ya koo Mme Tshireletso go ya go utlwa gore go rileng jaaka pego e bua. Dikgang/Daily News ya re, o ne a tswa maoto.

Gompieno Mmualebe o botsa gore a se bua jalo Setswana se re motho o tswa maoto? A o dumela gore ke go bua sentle?

Mmualebe o a gana a re Setswana ga se re motho o tswa maoto. Setswana sa re motho o rwala ditlhako. Fa motho a ka tswa a ya golo gongwe, Setswana sa re o ne a rwala ditlhako, se raya gore o ne a tsamaya. A re tseye yone kgang ya Kudumatse e le sekai. Ke yoo Mme Tshireletso o ne a ya koo. Ka o tsamaile, Setswana se tlaa re, o ne a rwala ditlhako a ya Kudumatse; a rwala ditlhako, e seng go tswa maoto, go ya go utlwa gore go rileng.

Mongwe o ka botsa gore a go tswa maoto gone ga go yo? Karabo ke gore go teng mme go raya selo se sele. Tota ga se go tswa maoto, ke go tswa dinao. Naledi o ka tsamaya mosepele mongwe boemong jwa ga Neo. E tlaa re Motswana a natefisa puo a re, Naledi o tswa, o dule Neo dinao, a raya gone gore Naledi o tsamaya /o tsamaile boemong jwa ga Neo. 

Jaanong re wela re reng? Re wela re re, go na le go rwala ditlhako le go tswa motho yo mongwe dinao. Go tswa maoto gone ga go yo.motshwanes@yahoo.com