Blogs

Leo le raya se sele

E re se loa Setswana se re, ba le  tsamaye, ba le ralale, ba le tsena ka fa, ba le tswa ka kwa, ba lebogela Batswana go bo ba ne ba tlhopha ka kagiso le thokgamo. Fa, ga bo go ne go buiwa ka ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o fetileng. Gape, Motswana a re, ke ngwaga o re neng re tswa mo go one. La bo le bolotse letsholo la diphuthego tsa mapalamente. Re setse re utlwile ka dingwe tse go neng go bolelwa fa di ne tsa tshwarwa ngwaga ono o simologa ka kgwedi ya Hirikgong.

Gompieno re kopana gape le polelo e nngwe ke eo, e supa fa e ne ya re go le  Labotlhano Hirikgong a le masome mabedi le bongwe, Dr Lemogang Kwape, mopalamente wa Kanye Borwa, e bile ka nako eo gape, e ne e le Tona ya Lephata la Botsogo le Boitekanelo, a tshwara, a buisa, diphuthego tsa kgotla kwa  Goora Sebego, le Goo Kgano, gone kwa Kanye. Eo, ya bo e le nako ya gore e fifing e lele. Mme selelo ya nna eng? Ga twe, morafe o ne wa supa fa o tshwenyega ka go tlhaela ga bodiredi le melemo ya balwetse ba madi a matona le ba sukiri kwa kokelwaeng ya Sebego. Go bonala fa se, e ne ya se ka ya nna kgang epe e e thata. Polelo e supa gore, gone foo, mopalamente a dumela gore mo dikokelong le dikokelwaneng dingwe, bodiredi le melemo di a tlhaela mme a kgothatsa badiredi ba Lephata la gagwe, ka nako eo, go lekodisa setshaba ka go tlhaela ga bodiredi le melemo ka tlotlo, lerato, le monyenyo. Motswana a re, ka mowa o montle, le difatlhogo tse ditlhapileng. Go bo go tshwanetse gore go dirwe jalo balwetse ba tle ba nametsege, ba sidilege ditlhabi ba se boele gae mewa e kotlometse ka ba ne ba sa tshwarwa sente.

Re ne ra nna ra okomela Dikgang (Daily News) Hirikgong 21 2020 mme ra fitlhela polelo ele ya diphuthego tsa kgotla kwa Kanye moo. Fa e bua ka fa e reng banni ba Goora Sebego le Goo Kgano ba ne  ba supa ka teng fa ba sa itumelele seemo sa  kago ya borutelo ya matlhatlaganyane kwa sekolong se sebotlana sa Sebego, polelo ya re;

“….ba ngongoregile le ka ntlo ya borutelo ee gomagometsang gowa kwa sekolong….sa Sebego”.

Dipotso di nne di tle di re a o bona go le phoso nngwe fa godimo fa, kana, o bona tshotlhe di siame fela, di apere tshiamo go se epe phoso? Fa o re tshotlhe  di apere tshiamo, re re ke eng o rialo? Gape, fa o re go phoso nngwe, re go botse gore, phoso eo ke efe, le gore e fa kae, mme e ka baakangwa jang? Re re, ga re itse gore  o tlaa araba o reng mme rona re bona phoso e le lefoko ‘gowa.’  O botse gore ke eng re re phoso e foo. Re re, jaaka re a tle re nne re supe, re bue, ka mafoko a mangwe, phoso fa ke ya gale, ke gore, ya nako tsotlhe, ya go tshwaraganya mafoko a sa tshwanela go nna jalo. Go nne jang? Go felele go dirisitswe lefoko le sele e seng le tota le neng le tshwanetse go dirisiwa.

Go fetela pele, a re re Pepetletso, ngwana wa ga Tshelo, ke yole, o fale, o a tshameka. Ka o itumetse, o a tlolaka, o a bina, o a opela, o tlhatlositse lentswe le kwa godimo. Go utlwa modumo o montsi jalo, Tshelwana o raya Pepetletso a re, ‘Heela ngwana ke wena, tlogela go gowa o a ntlhodia.’ Ke yoo Pepetletso o a tswa, o katoga Tshelwana, o ya go tshamekela fale. A le foo, tsala ya gagwe Thulana o a mo fitlhela. Ba tlhotse foo, ba opela, ba bina mmogo. go le monate  Jaanong, fa Tshelwana a re ‘gowa,’ o bua jaaka ba le bantsi ba bua fa ba bitsa lefoko  ‘goa’ kgotsa ‘kua.’ Bao, ba le tsenye tlhaka e tota e seng mo go lone e leng ‘w.’ Boemong jwa gowa, Tshelwana a bo a ne a ka nna a raya ngwana a re, tlogela go kuwa, mme go tshwane ka mafoko a, a raya go bua motho a tlhatlositse lentswe, a buela kwa godimo mme Pepetletso ene re bona a dira jalo, a opela.. Jaanong fa godimo fale, re bona polelo e re, ntlo e gomagometsa gowa.

Re re, phoso e fa, ka gore, jaaka re setse re supile, lefoko le, le raya se sele, e seng se polelo e neng e batla go se bua. E le eng re bua jalo? E le ka gore fa godimo fale, polelo e bua ka kago e kgologolo thata mme e ka nna ya wa nako nngwe le nngwe.

Seemo se ntse jalo, ke gone Motswana a re  kago e gomagometse go wa; e seng gowa.  A jaanong re tseye tse dingwe dikai ke tse. Fa dikgomo di ya go nwa, a ke kwa mogobeng, letamong, kana kae fela, Motswana a re, di ya go wela. Mafoko go nwa, go wela, a kgaogane; go, a nne fa, nwa, a sutele fale. Fela jalo le ka go wela. Go o sala fa, wela a ye fale. Jaanong, a polelo le yone e kgaoganye lefoko ‘gowa’ e re ‘…..ntlo e e gomagometsang go wa…..’ Go kwadilwe jalo, go nne gone.