Naledi

Kgosi o kgalemela baruti

Kgosi Kegapetswe a re bareri ba lefoko la Modimo ba dikereke dingwe ba na le mokgwa wa go fetola dintsho lefelo la tlhabanelo ka go bua mafoko a a sa amogelesegeng mo setshabeng ba ipata ka go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng.

Kegapetswe o ntshitse mafoko a kgalemo a menne phatla kwa mabitleng a motse wa Letlhakane, ka Matlhatso fa go ne go bolokwa baswi ba le babedi ka nako e le nngwe,  ba  e  neng ele motho le rakgadiagwe. Le fa gone a sa bitsa kereke epe ka leina, a re mokgwa o o bosula o wa baruti kgotsa bareri ba dikereke dingwe mo motseng wa gagwe, o mo tshwenya jaaka tlhagala ya tlhogo, mo jaanong a setseng a kgona go tsenwa ke letshogo fa a gopola go ya dintshong.  “Ke le kgosi ya lona ke tla tshwanelwa ke gore ke lo kgalemele ke menne phatla, ke kgalema lona ba dikereke. Betsho kana tota lo tla re tshabisa go ya dintshong ntateng  ya dipuo tsa lona tse di botlha,” a bua ka sefatlhego se se apereng matshwenyego.

A re o setse a itse sentle gore fa a ya phitlhong o ya go fitlhela ntwa ya mafoko ka maloko a dikereke, a re bontsi jwa baruti kgotsa maloko a dikereke dingwe mo Letlhakane, ga ba ye kwa dintshong go ya go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng mme ba ya koo ka mabaka a go ipapatsa le go tlhasela ba dikereke tse dingwe.

A re seo ke go tlhoka boikarabelo, go sa tlotla ba ba swetsweng gammogo le ene moswi tota. O tsweletse a re ga a dumele gore Sekeresete se rotloetsa motho go tsosa kgotlhang ka bomo fa gare ga gagwe le ba bangwe. A re bone e le bogosi tota le puso, ba rotloetsa kgololesego ya tumelo mo banning ba Letlhakane. Mme mokgwa wa go gagautlhana ka mafoko kwa dintshong ga ba o beye sebete gotlhelele.  Kgosi Kegapetswe  a  re  se se tla jaana morago ga gore a amogele dingongorego tsa batho kgaboeledi mabapi le boitshwaro jwa baruti.  Batho bangwe ba ba neng ba le kwa phitlhong ba ne ba tlatsa mafoko a ga kgosi ba re o dira sentle a kgalema. Ba re go tlhabana ka mafoko a a botlha ga baruti ba dikereke dingwe mo ga bone ke mo go tweng se beetswe kgomo se retetse. Ba bile ba bolelela Naledi gore baruti gantsi fa ba le kwa dintshong ba tswa mo tseleng ya kgomotso mme ba simolole go kgala dikereke tse dingwe, ba ipapatse go ngoka balatedi, ba bo ba kgale batho ba bangwe ba ba seng mo tumelong e le nngwe le bone.

Bahutsafadi ba re seo gase kgomotso ke boikgantsho, lonyatso le go tla go supa dintwa tsa bone tsa go palelwa ke go ngoka balatedi le go palelwa ke go ranola mafoko a baebela sentle.  Ba re malatsi ano bareri bao ba na le mokgwa wa go ikgatlha ka baswi, gatwe bangwe ba rera mafoko a a reng baswi ga ba a golagana le batshedi ebile bone ga ba na sepe le baswi ka gore Modimo le one ga o na sepe le motho fa a sule. Ba re fa baruti bao ba ka tswelela ka mokgwa oo, tsatsi  lengwe ba tlaa ba pega tse dinkgwe. Banni ba supile dikereke tsa ‘fire’ ka monwana mabapi le mokgwa o.