Blogs

Pharologanyo ke eng?

A ya Mheti.  Ga nama go didimetse a sa bolele gore o tsamaile jang. Morago ga kgwedi tse pedi a ntse a ile, a kwalela kwa gae, a bolela fa a feletse a tloletse ka kwa Aforika Borwa mme a bona tiro mo komponeng nngwe e e dirang ditshipi (Steel Manufacturing Company). A bolela fa e le tiro e e monate thata, e bile e duela sentle. Kwa gae ba itumela, ba leboga, ba dumela fa ba tlaa tshela. Bana le bone a nna a ba gopola, a ba romelela madi.

Fa  go ntse go ya, batho ba se ka ba itse gore go rileng. Dikwalo tsele tse di neng di ntse di goroga kgwedi le kgwedi, kana morago ga kgwedi tse pedi, tsa kgala. Ga se ka ga tlhola go nna le epe poso e batsadi ba e amogelang. Le fa kwa gae ba ne ba ka kwala, o ne a sa fetole. Ba tlhobaela, ba simolola go akanya dilo tse dintsi ka ene.

Ka lengwe letsatsi, mongwe a goroga go tswa Aforika Borwa mme a bolela fa Mheti a le teng, a tsogile sentle, a tshela sentle.  Go utlwa mafoko a, batho ba nametsega,  ba itumelela gore ke yoo o sale teng, e bile o ntse o mo tirong. Mme fela ba nna ba ipotsa gore ke eng Mheti a se ke a tla gae, le fa e le go kwala jaaka a ne a tle a kwale. Dingwaga tsa wela, tsa ba wela, Mheti a ntse a ile. Mme ga nna ga utlwala fa a le teng, fela a palelwa ke go tla gae. Ga ya jalo ka Mheti. A jaanong re utlwe ka Mhedi.

Nako nngwe pula ya feta ka thota ya Dipetsana. Tsa bo di e utlwile dikgomo. Tsa rwalega tsa ga Mhedi tsa lata metsi le phulo koo. Ga feta malatsi go se na epe ya tsone e e gorogang. Morago Mhedi a tlhobaela. A gokela mpheetshane, a tsaya modutwana, a tswa a ya go batla. O tsenye meraka, megobe le matamo a thota eo yotlhe a batla mme a se ka a di utlwalela gope dikgomo tsa gagwe. Morago ga malatsi a utlwa a lapile le mhago o mo feletse mme a batla go boela gae.

 Fa a le mo tseleng go ya gae, ya tla pula. Ga thiba leru le le ntsho, ga tsoga diphefo, ga fifala. Mhedi a se ka a itse gore tsela e kae. Fa a ntse a kaila, a bona mmilanyana ke oo, a o wela a tsaya gore ke one tsela. Owai, ya bo e le fa a ile. A timela Mhedi a se ka a tlhola a bonwa gope. Kwa gae ba nna ba lebile tsela, ba solofetse go bona nako nngwe a goroga. Tsela ya re ke lo naya motho a le kae? Ga nna bohutsana.

Mo polelong e, re bona Mheti a tswa mo gae a ya go batla tiro mme a bo a sa tlhole a boa. Ka ntlha e nngwe re bona Mhedi a tswa a ya go batla dikgomo.  A le koo, o a timela, o ya le naga. Potso e Mmualebe a e go botsang gompieno ke gore, mo bobeding bo, Mheti le Mhedi, yo o ileng bokgwelwa ke ofe, yo o ileng lejwa/lojwa ke mang? A go ya bokgwelwa le go ya lejwa go a tshwana? Fa go sa tshwane pharologanyo ke eng? O araba o reng?

Dilo tse ga di tshwane. Motho yo o yang bokgwelwa ke yo o yang go batla tiro golo gongwe, kgotsa a ye makgoeng jaaka go a tle go buiwe, mme e re a le koo, a nne dingwaga a sa gopole gae. Motho yo go a twe o ile bokgwelwa, go twe ke lekgwelwa, kana o kgwetswe kwa a leng teng. A mangwe makgwelwa a a natefelelwa, a  nnele ruri koo, a bo a felele koo. Mheti ke yoo o ne a ya bokgwelwa.

Motho yo o yang lejwa ene ke yo o timelang mme a se ke a tlhole a bonwa gope. Re bona Mhedi a tswa a ya go batla mme e re a re o boela gae, dikgomo a sa di bona, a bo a timediwa ke pula.

O ne a ya le naga, a se ka a tlhola a bonwa gope. Batswana ba re, fa e ka re o timetse wa leba bophirimatsatsi, o ile, o ile, ga o na go selwa gope. Ga re itse, gongwe se ke se se diragaletseng Mhedi. Mme fela, lekgwelwa le dika nageng ka bomo fa yo o ileng lejwa ene a a bo a sa itse gore legae ke kae.motshwanes@yahoo.com