Blogs

Gompieno a mararo

Go kaiwa fa motse o, o se na meriti ya maemelo a dipalamo tsa setshaba mme e re letsatsi le lela, kgotsa, go le pula, batho ba tlhoke kwa ba tshabelang teng. Seemo se ntse jaana, go se ke go itumedise. Go ya ka polelo ele, go ne ga abiwa dipale di le masome matlhano mme go sa ntse go tlaa abiwa tse dingwe gape di le masome mararo. Re utlwa gore, go abiwa ga dipale tse, e ne e le go thusa morafe go aga meruti, meriti, ya maemelo a dipalamo tsa setshaba.  E, e nne tiro e ntle.

Polelo ele, e e reng motse wa Digawana o ne wa abelwa dipale ke WUC, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Lwetse 8 2020-

Fa e bua ka fa e reng Mokhanselara wa Digawana, Rre Daniel Motlhabankwe o ne a supa ka teng fa batho ba sokodisiwa ke go tlhoka meriti ya maemelo a dipalamo tsa setshaba, go le letsatsi, kgotsa, go le pula, polelo ya re;

‘…..o fitlhela go ngomola pelo ba le mo letsatsing, kgotsa pula ena go sena fa baka tshabelang teng.’

Dipotso di nne di tle di re, fa godimo fa, o bona eng? A o bona go le phoso nngwe, kana, o bona dilo

tsotlhe di le phepa, di tshwana le masi a kgomo a tswa thobeng? Fa o re ga go phoso epe, ke eng o rialo? Mme gape fa o re go phoso nngwe, phoso eo, ke efe, ke eng e le phoso, mme, o ka e baakanya jang? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bona phoso e le (e seng ele) ya gale ya go tshwaraganya mafoko a sa tshwanela go tshwaragana. Gompieno re bona go dirilwe jalo ka mafoko a le mararo. O botse gore e le afe ao? Karabo e re ke  lefoko ‘ena,’ ‘sena,’ le ‘baka.’ E le eng re re phoso e foo? E le ka gore, jaaka re a tle re nne re bue, re supe, ka mafoko a mangwe, mo go ‘ena’ ’sena’ le ‘baka’ go tserwe mafoko a le mabedi, a tshwaraganngwa, a dira lefoko le le lengwe. Ga nna jang? Jaaka ka nako tsotlhe, ga felela go dirisitswe mafoko a sele, e seng a polelo e neng e tshwanetse go a dirisa. Godimo ga moo, mafoko a, a felela a raya se sele, e seng se polelo e neng e batla go se bua, go se raya, ka gore fa go kwadilwe jaaka re bona jaana, lefoko  ‘ena’ ke lesupi. Fela jalo le lefoko ‘sena,’ fa ‘baka’ lone e le lediri. 

Gongwe o nne o botse gore, mme go baakangwe jang? Go go araba re re, e le sekai, a re re basimane ke ba,  ba bua ka dithipa ba di tshwere. Tlharapana a re, ‘Thipa e, e bogale.’ Kitimetso ene a re, ‘Thipa ena e boi.’ Fa Tlharapana a re, ‘Thipa e…..’ o bua sentle ka o bua ka thipa a e supa e le fa go ene. Fela jalo le Kitimetso. Mme polelo yone fa e re, ‘…..pula ena…..’ e supa pula e le fa kae? Polelo ga e supe pula gope.

E bua fela gore e a re motlha mongwe pula e ne mme batho ba tlhoke kwa ba e tshabelang teng. Gape, a re re, basimane jaanong ba bua ka dilepe di le fa go bone. Tlharapana a re, ‘Selepe se, se bogale.’ Fale Kitimetso ene a re,’Selepe sena, se robegile mhinyana.’ Fa, o bona sentle gore lefoko ‘sena’ ke lesupi fela jaaka lefoko ‘se.’  Mme fa polelo yone e re, ‘…..sena….’ e supa eng, se le fa kae? Polelo ga e supe sepe, se le gope. Jalo he, lefoko le ga le a dirisiwa sentle.Jaanong a re utlwe gore baka o raya eng. Thanodi e re go baka ke go bua mongwe ka mafoko a mantle le ka boitumelo. Go ntse jalo. O baka motho fa o mo itumeletse a dirile sengwe, kana, a go diretse sengwe, mme o se ratile.

Fela jalo le sengwe fa o se itumeletse, o a se baka. Maina a bana le one a tle e le madiri, a tswa mo go baka, a re, Aobakwe, Bakang, Obakeng. A otlhe e le maina a go itumelela Morena Modimo, go mmaka, ka o re file bana.

Re gogele pele re re,  lefoko baka gape le reye go dira gore sengwe se dirafale. E le sekai a re re , e rile Monwedi a ile go sesa bosa kwa ga Mma Ditshenyegelo, a utlwa go twe ntlo ya tsala ya bone Segaolane e shele, e jelwe ke molelo. Go utlwa mafoko a, Pheretlhego o a hakgamala a re, ‘Ao, e le eng se se neng sa baka molelo oo?’ Go botsa jaana, Pheretlhego o batla go itse gore go dirafetse jang gore ntlo e she. Molelo o ne o tswa kae, kana, o tshubilwe eng. Monwedi o araba ka gore ga a itse gore ke eng se se neng sa baka molelo ka ga go a buiwa sepe gape fa e se fela gore Segaolane o shwetswe ke ntlo. A, e nna mafoko a a botlhoko mo go bone

Go wela re re, diphoso o di bonye, wa bona le gore ke eng e le diphoso. Jaanong go kwala sentle, a polelo e se re,  ‘…..pula ena go sena fa baka tshabelang teng.’ A e re, …..pula e na, go se na fa ba ka tshabelang teng. Jalo, polelo e bo e nepile.