Blogs

Ga a seegelwe tsebe

Go bua jaana o a bo a tshwenngwa ke gore fa a se na kgomo, botshelo bo a mo thatafalela, a tshele ka bosesane. A jaanong a nne nayo. Nako nngwe e mo tlele ka dingwe tse di seng monate. A bowe a bo tlhoke boroko. Go bonala fa se e le sone se se diregang kwa Moiyabana, motse mongwe wa kgaolo ya Legare. Go utlwala gore koo, go ditsheko tse dintsi di bakwa ke loruo go senyetsa batho. Go kaiwa fa loruo lo, e le dihutshane le dikgomo tse beng ba tsone ba di filweng ka lenaneo la LIMID mme di ruetswe mo gae. Go bo di le mo gae, di a senya. Ga twe di ja dithunya, ditlhare tsa mekgabisa le tsa meruti, meriti, mo go botlhoko. Go ntse jaana, go tsoge ditsheko tsa gore loruo lo sentse. Go sale jalo, loruo lo, lo  bolelwa lo tlhaetsa batho metsi ka lo nosiwa mo malwapeng. Go bo go ntse go sa siama ka metsi a mo gae, ke a batho ga se a loruo. Go bona go ntse jaana, ga twe Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana a roma magosana go laela batho go hudusetsa loruo kwa masimo le merakeng. Go ya ka polelo ele, bontsi jwa itlhokomolosa taelo ya ga kgosi. Bangwenyana fela ke bone ba dira jaaka kgosi a ne a laotse. Jaaka gale, re ne ra nna ra anapa, ra kopana le  Dikgang (Daily News) Phalane 2 2020 mme moo ra sela polelo ele, e e reng kwa Moiyabana loruo lo senyetsa batho thata.  Fa e bua ka fa e reng batho ba ne ba amogela ka teng  taelo ya ga kgosi ya go ntsha loruo mo gae, polelo ya re;

‘bangwe ba ntse …..fela fa manotonyana ba seegela mafoko a gagwe tsebe.’

Re nne re re, ke eo kgang mme re botse gore, a fa godimo fa, o bona go le phoso nngwe kgotsa ga o bone epe phoso. Fa o re ga go phoso epe, ke eng o rialo? Mme gape fa o re go phoso nngwe, ke efe, gape, ke eng e le phoso? Ka ke eo ke phoso, e bo e ka baakanngwa jang? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bona phoso e le lefoko ‘seegela’ fa go twe , ‘…..ba seegela mafoko…..tsebe’ Gongwe ka wena ga o bone phoso epe, o botse gore ke eng re re lefoko ‘seegela’ ke lone phoso. Go go araba re re, leba Thanodi ya Setswana mme e tlaa go raya e re, go seega ke go sekega, go baya go sa tlhamalala. A re tseye sekai re re, Pheretlhego ke yo o kwa ga Segaolane.  Fa a tsena ka kgoro, mojako, wa ntlo, o bona setswalo fa  tlase ga ntlo. Go bona jalo, Pheretlhego o a hakgamala, o botsa gore ke eng setswalo seo, se le foo. Segaolane o mo araba ka gore, setswalo seo, ga se tswale sentle, se tswala ka go seegwa; ke gore se bewa fa mojakong wa ntlo se sa tlhamalala ka ga se a agega sentle. Godimo ga moo, re re, mafoko a a seegwa, ga a seegelwe tsebe. Fela jalo le kgang e ka seegwa. E a re go tshwerwe merero ya Setswana, e re fa go ka tsena mafoko mangwe a e seng one sentle, go twe, ‘Nnyaa, ao a re name re a seegetse, re a beetse, fa thoko. Ke gore, a tlogelwe ka gongwe a ka tloga a senya dilo. Gape, fa e ka re ba ntse ba tsweletse, ba lapa, kgotsa, ka mabaka mangwe kgang ya thatafala, ga twe, a re name re e seegile, re tlaa e bona ka moso. Go bua jaana, ba a bo ba raya gore ba tlogele kgang fa e leng teng, ba tlaa bowa ba e tsweledisa gape nako nngwe. E nne sone Setswana.

Gongwe o nne o botse gore mme lefoko le  e leng lone le tshwanetseng go dirisiwa fa godimo fale ke lefe. Karabo e re ke sekegela.  Go tlatsa se, re bowe re re, okomela Thanodi mme e tlaa go raya e re go sekegela ke go reetsa, kgotsa, go ela tlhoko sengwe se se buiwang. Jalo he, Setswana se re, mafoko a sekegelwa tsebe, e seng a seegelwa tsebe. Go sekegela mafoko tsebe go bo go raya gore, mafoko ao, a a reediwa mme go dirwe jaaka a bua, kgotsa a batla. Re utlwa ka polelo ele gore, Kgosi Mokopakgomo o ne a ntsha taelo ka magosana a gagwe gore loruo lo huduge mo gae, lo ye kwa masimo le merakeng. Ba bantsi ba itlhokomolosa taelo ya ga kgosi. Gone fa, Setswana se tlaa re ba, ba ne ba tsaya fela ka tsebe. Ke gore ba reetsa, ba utlwa taelo ya ga kgosi mme morago ba se ka ba dira sepe. E ntse e le polelo e kaya gore bangwenyana ba ne ba dira jaaka kgosi a ne a laotse. Ba ke bone ba Setswana se tlaa reng ba ne ba sekegela mafoko a ga kgosi tsebe, e seng ba a seegela tsebe. Fa o re ba a seegetse tsebe, Motswana o tlaa botsa gore ba e seegile e le fa kae,  molato e le eng, ba e seega kae, kgotsa, fa go eng, mme karabo e pale. Go wela re re, ke eo kgang o e utlwile. Jaanong a polelo e se re,.’…..ba seegela mafoko a gagwe tsebe.’  Go kwala sentle a e re, ‘…..ba sekegela mafoko…..tsebe.’