Dilalome tsa Mahalapye
Bonte Seepi | Wednesday January 6, 2016 16:17
Mmamadi o tlhalositse fa bontsi ja dititeo tse di diragala fa bana ba, ba sena go itshiela dinotagi. O tsweletse a tlhalosa gore mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha, ba kwadisitse melato ele mebedi e bana ba neng ba betsa bommaabone.
“E ne yare ka keresemose ra begelwa fa mosimane wa dingwaga tse 23 a iteile mmaagwe mo go masisi kwa kgotlaneng ya Tshikhinyega. Dititeo tse di tlogetse mmaagwe mosimane ka dikgobalo go tlhalositswe fa di diragetse morago ga gore mosimane a lope madi a goya go reka bojalwa mo go mmaagwe yo a ileng a supa faa sena madi,”ga tlhalosa Mmamadi.
E ntse ele ka malatsi ao, Mmamadi o supile fa ba ne ba kwadisa molato o mongwe wa titeo ya motsadi kwa kgotlaneng ya Dilaene. Go tlhalosiwa fa mosimanyana yoo dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi le botlhano a ne a sokeletsa mmaagwe letsogo go fitlhelela a le roba.
Goya ka ba sepodisi, mosadimogolo o ne a robadiwa kwa sepateleng se segolo sa Mahalapye mme a tsenngwa samente fa mosimane a tlaa iponatsa kwa lekgotleng la ditsheko mo bekeng eno. Lebaka legolo la titeo e, e ne e ntse ele la go bata madi a bojalwa.
Le fa go ntse jalo, ramapodisi o boletse fa a tshwentswe gape ke banana ba ba neng ba ipopa digongwana mme ere ba sena gonwa ba tsenelele bagolo mo malwapeng ba ba iteye, ba senya tshisibalo ee neng ele teng.
Mmamadi a re ba tshegeditse basimanyana bale bane mo melatong e mebedi ya mofuta oo. O tlhalositse fa e ne yare letsatsi pele ga ngwaga o mosha basimane ba ba ba tsenelela basadibagolo mo malwapeng kwa kgotlaneng ya Xhosa mme ba raga dipitsa babo ba ba betsa gose molato ope o ba o dirileng. Are borre bao ba lebisitwe molato wa go supa maitseo a a makgapha mme ba tlaa kgwathisiwa kwa lekgotleng la Setswana.
Melato e mengwe ee kwadisitsweng kwa Mahalapye ke ya dintwa tse go bolelwang di ne di diragala kwa mafelong a a rekisang dinotagi bosigo fa go itisitswe. Go nnile le dipetelelo tse nne tse go bolelwang di sena motlhala ka jaana babeteledi gammogo le ba ba beteletsweng ba ne ba itshietse dinotagi.
Mmamadi o rotloeditse banana go tlotla batsadi ba bone le gone go itlotla gore ba tle ba nne le bokamoso jo bo edileng. O ba rotloeditse gape go emisa mokgwa wa go ipela ka dinotagi are methale ya boitumelo e mentsi ntle le bojalwa.