Blogs

Mafoko ao ga a tshwane

Ngwaga ono, re utlwa fa lefatshe ka bophara le wetswe ke seru ga twe Covid 19. Go leka go lwantsha bolwetse jo, re kgaolelwa mesepele, re tswalelwe mo malwapeng, re se ke re tsamaye jaaka re ne re tle re nne re tsamaye. Go ntse jaana, ditiro dingwe di eme mme botshelo bo nne thata. Mme tsone tse di maswe tseo, e re di ntse di tsweletse, nako nngwe di tle ka dingwe tse di molemo. Polelo nngwe ke ele e kaya fa go twe kwa Malatswae Covid 19 e tsile ka dilo dingwe tse di itumedisang.,

Go ya ka polelo ele, e ne ya re mo  potsolotsong le BOPA Rre Kebeemang Dikapolelo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, a supa gore e re le mororo go tswalelwa ga thekiso ya bojalwa ka nakwana go kokonetse bagwebi ba bojalwa le badiri, babereki, ba bone, go tswala moo go thusitse bangwe go itlhokomela botoka go na le pele. E a re motho a rata selo thata, bogolo jang e le se se maswe, Motswana a re selo seo, se ile motho tlhogong, se mo iteile tsebe. Go utlwala fa bontsi jwa banni ba Malatswane bo ilwe tlhogong ke dino. Ga twe pele ga go tswalelwa thekiso ya bojalwa, bangwe ba ne ba kgona go tlhola kwa dinong ba se na epe tebelopele ka botshelo jwa bone, bana le bone ba sa tsene sekole sentle, ba tlhola ba le nosi mo lwapeng. Ga tswalwa dilo tsa fetoga. Batho ba itlhokomela le bana ba tlhokomelwa ba tsena sekole sentle.

E ne ya re re ntse re sesela, re se phokoje, ra kopana le Dikgang (Daily News) Phatwe 22 2020 mme foo, ra sela polelo ele ya motse wa Malatswae.

Fa e bua ka fa e reng Rre Dikapolelo a re jaanong o bona batho bangwe ba itlhokomela ka teng, polelo ya re;

‘…..a re mo nakong eno o kgona go bona bangwe ba ba neng ba tsaya nako e ntsi ba le kwa nnotaging ba kgona go nna mo malwapeng ba apaya ba aja.

Potso e nne e batle go utlwa gore, a fa godimo fa, o bona phoso nngwe , kgotsa, ga o bone epe phoso. E re fa o re ga go epe phoso re botse gore ke eng o bua jalo. Mme fa o re go na le phoso re botse gore ke eng se se phoso, ke eng fa se le phoso, mme phoso eo, e ka baakanngwa jang. Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng fela rona re bona phoso e le lefoko ‘aja.’ Ga twe,’…..ba apaya ba aja.’ Re re, phoso fa ke gore, mafoko ‘apaya,’ ‘aja’ a kwadilwe jaaka e kete lengwe le lengwe la one, ke lediri e bile le ikemela le le nosi. Re re, nnyaa, ga go a nna jalo. Lefoko ‘apaya’ ke lone lediri e bile le ema fela foo, le le nosi.

Lefoko ‘aja’ lone, jaaka re tle re nne re supe, go tserwe mafoko a le mabedi a a ka bong a kgaoganye, a dirwa lefoko le le lengwe. Phoso e nne yone eo. Lefoko le, le dirilwe ka mafoko a mabedi mme la nna lefoko le sele fela, le e seng la Setswana.

Re tlaa dumalana gore go na le mafoko a mangwe a Setswana a a ditlhaka tharo, di tharo, jaaka re bona go ntse ka aja. Re re ao, jaaka aba, aga, ala, ata, e bo e le mafoko a nnete, e le Setswana tota. A re tseye dikai ke tse. Kgagana o raya Kgabala a re,’Ke batla go aba phoko ya me e nala ka e neela malome ditlhogo.’ Fa, re itse gore go aba, go raya go fa motho sengwe. Ka ntlha e nngwe, Kgabala ene a re, ‘Ka ntlo ya me e a na, ke batla go aga e ntsha’ Fale Tshelo o raya Tshelwana a re, ‘Ema o ye go ala bana ba a otsela.’ Jaanong, Segompo ke yoo, o bua le Segogora a re, ‘Ke thaile lesaka le ka dikgomo di le tharo fela mme tsa ata, lesaka la tlala.’ Fa Segompo a re dikgomo di ne tsa ata, o raya gore di ne tsa ntsifala, tsa nna dintsi. Setswana se re, leruo ga go twe le nna lentsi.

Go buiwa jaaka Segompo go twe le a ata. Fa, o bona dikai tse tsotlhe e le mafoko a Setswana tota di sa tshwane le lefoko ‘aja’ le re setseng re buile gore Setswana ga se na nalo.

Go wela, re sa reye re wela bodibeng, re raya re fetsa kgang ya rona, re re, mafoko ao, apaya le aja, ga a tshwane. Ga se gore lengwe le lengwe le ikemela foo le le nosi. Re re, lefoko ‘apaya lone le dirisitswe sentle la ikemela le le nosi. Mme ‘aja’ lone jaaka re setse re kaile fa godimo fale, le patagantse mafoko a mabedi e leng ‘a’ le ‘ja’ la a dira lefoko le le lengwe mme go sa tshwanela go nna jalo.

E tlaa re ba ruta ba re, ‘a’ ke legokedi la sediri fa ‘ja’ lone e le lediri. Jaanong, jaaka re bua, mafoko a a tshwanetse go kgaogana, ‘a’a nna fa, ‘ja’ a sutela fale. Jalo he, go kwala sentle, a polelo e se re, ‘……ba apaya ba aja.’ ga se Setswana. A e re, ‘…..ba apaya ba a ja.’ Go ntse jalo, go wele sentle.