Blogs

Ga se go goga maoto

E re a ruile kgomo, podi, nku, le tse dingwe, a leme mabele, mmidi, ntshe, dinawa le tse dingwe dijwalo fela jaaka re di itse. Malatsi a jale, go ne go lengwa ka megoma ya dikgomo. Pele ga tiro e tswelela, go golegwe, go segwe tema.  E re di goga, mongwe a bo a le kwa morago a tshwere mogoma, yo mongwe a bapile le tsone a tshwere seme a kgweetsa. Mme yo mongwe gape, a bo a tshotse peo, a jwala, a gasa ka seatla. A se na go jwala, tema e tswelele e lengwe go fitlhelela e wela, e fela. E wetse jalo, go segwe e nngwe gape e lengwe. Tiro e tswelele fela jalo ka go nna go segwa ditema di jwalwa ka seatla go fitlhelela tshimo yotlhe e lengwa e fela. Fa botshelo bo ntse bo tsweletse, dilo di fetoga, ga tla methale (e seng metlhale) e mesha ya go lema mongwe e le wa go lema ka ditselana. Mohuta o wa temo, wa tla, wa rotloediwa thata ka lenaneo la ISPAAD  le ka lone maikaelelo a puso e leng go tlhabolola temo le go godisa thobo gore lefatshe leno le ijese le tlogele go ikaega ka mafatshe a mangwe ka lerotse la makopo ga le na kgodu.

Polelo nngwe ke ele e supa gore e ne ya re fa mokgwa o wa go lema ka ditselana o simologa balemi ba Sefhare-Ramokgonami kwa Tswapong, ba nyafalela go inaakanya le one. Fela monate ya nna gore morago ba ne ba o tlhagafalela tema ya ba ya bonala. Go kaiwa fa jaanong ditema tsotlhe tsa kgaolo eo, e le 27,000.  Polelo ele ya balemi ba Sefhare-Ramokgonami re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Hirikgong 15 2020.

Fa e bua ka fa e reng balemi bao ba simolotse ba tsaya mokgwa wa go lema ka ditselana ka teng, polelo ya re;

‘E ne yare fa puso e sena go rotloetsa temo ya ditselana balemi ba simolola go goga maoto go fetola ka fa ba ntseng ba lema ka teng…..’

E tle potso e re, fa godimo fa, o bona efe phoso? E botse gape gore fa o re ga o bone phoso epe, ke eng o rialo? Mme fa o re go phoso nngwe, phoso eo, ke efe, ke eng e le phoso, o ka e baakanya jang? Re nne re re, ga re itse gore karabo ya gago e tlaa reng. Mme ya rona karabo yone ya re, re bona diphoso tse tharo foo.  Gongwe ka ga o bone epe phoso, o botse gore diphoso tseo ke dife. Re re, diphoso tsa ntlha tse pedi ke lefoko ‘yare’ le lefoko ‘sena.’ Mme gongwe o botse gape gore ke eng re re phoso e fa. Re nne re re,  phoso fa ke ya gale ya go tshwaraganya mafoko a dirwa lefoko le le lengwe mme lefoko leo le felele e le le sele e seng le polelo e neng e tshwanetse go le dirisa. Gompieno re bona go dirilwe jalo ka lefoko ‘yare’ le ‘sena.’ Di bo di tsamaile bogole gone foo.

Re fetele pele re re, phoso e nngwe ke gore go twe, balemi ba ne ba goga maoto go fetola ka fa ba ntseng ba lema ka teng. Fa, re re, Setswana ga se re motho o tsamaya ka maoto. Sa re, o tsamaya ka dinao. A re re, Pepetletso o romilwe go ya go tla ka lerotse gore go tle go tlhabelwe go apewe. Jaanong ke yoo o tsamaya a iketlile. Ka le setse le ile, Tshelo, mmaagwe o a mo tlhaeletsa a re, ‘Pepetletso tlhatlosa dinao letsatsi le a phirima, ga re batle go ja bosigo.’ Pepetletso o a utlwa, o tsosa dinao; ke gore o tsamaya ka pela, a bo a bile a goroga ka lerotse. Motswana a bue jalo a re, motho a tsose dinao, a tlhatlose dinao, a raya gore a itlhaganele. Gape, e re motho a dira tiro a e tlhagafaletse, a tiile moko, Setswana se re, motho yoo, o emetse tiro ka dinao e seng ka maoto. Go buiwa jaana ka gore ka Setswana, motho o ema ka dinao, ga a eme ka maoto. Fela jalo, o tsamaya ka dinao, e seng ka maoto. Go sale foo, e re fa motho a ka ya golo gongwe mme ya re  koo, a diragalelwa ke dilo dingwe tse di maswe, Motswana a re, ‘Lonao ga lo na nko.’ A re, fa lo ne lo na le nko, lo dupelela, motho o ka bo a itsile go sale nako gore kwa a neng a ya teng koo, o ya go bona tse e seng tsone mme a leka go di fapoga. Se, se nne se supe gore ka Setswana, go tsamaiwa ka dinao, e seng ka maoto.

Jaanong, potso e tle e re, go baakanya diphoso tse di fa godimo tsele ke go dirwe jang? Re re, go baakanya, a mafoko a a mo go ‘yare,’ a kgaogane e nne ya re. Fela jalo le a a mo go ‘sena’ e nne se na. Ka go goga maoto gone re re, jaaka re setse re supile, ga se go goga maoto, ke go goga dinao. Go digela kgang re re, go kwala sentle, a polelo e se re, ‘E ne yare puso e sena go …..balemi ba simolola go goga maoto…..’ A polelo e re, ‘E ne ya re puso e se na go …..balemi ba simolola go goga dinao…..’ Mo, e nne gone go kwala sentle.