Naledi

Bomme ba Mopipi ba nyoretswe ESP

 

Kgwetlho eo e ntshitswe ke kgosi ya kgotla yoora Mothowakgari kwa motseng wa Mopipi, Mme Pelotshwaana Maboane, fa a ne a buisana le Naledi mo potsolosong ka Laboraro. Naledi e ne e jetse nala kwa motseng oo ka mabaka a go lekola gore bomme ba tshela jang koo, e bile ba itse go le kae ka lenaneo le la ESP. Lenaneo le le le boloditswe ke Tautona Lt. Gen. Dr. Seretse Khama Ian Khama bosheng, ka nako ya fa a bega tekodiso ya seemo sa lefatshe leno.

Kgosi Maboane a re lenaneo leo le tla ka nako e e lebanyeng mme go mo maruding a bomme ba Mopipi gore ba ititeye ka thupana gore lenaneo le tle le ba tswele mosola boemong jwa go itswela fela ba iphotlhere.

Kgosi Maboane o ne a nna bofefo jwa legadima go galaletsa Tautona Khama a re ke mmusi yo o nang le tebelopele le boutlwelobotlhoko mo tshabeng ya gagwe, ka a eletsa gore matshelo a batho a tokafale. O gwetlhile bomme ba Mopipi kgotsa ‘Pipe-City’ jaaka beng ba one ba rata go o bitsa fa ba thamile ,gore ba je tlhogo ba tshwaragane mme batswe ka maano a a popota a go ka ikinola mo lehumeng ka go dirisa lenaneo la morudisa itsholelo. 

Maboane a re bomme ba koo ke batho ba ba tlhaga jaaka o bona fela bontsi jwa bone ba tshela ka temo le leruo, ka jalo ga ba ka ke ba palelwa ke go ikopanya ba bo ba dira dikgwebo mmogo tse di ka ba kgontshang go akola lenaneo la ESP. Kgosi Maboane a re bomme ba Mopipi ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba inaakanye le mananeo a a farologanyeng a a lebaganyeng le tlhabololo ya matshelo a bomme ba Botswana gore ba tle ba bone poloko.

Mongwe wa bomme ba Mopipi e leng Mpene Batswana, a re fa ba ntse ba utlwalela lenaneo leo mo diromamoweng le Btv, go lebega e le lenaneo le le botlhokwa go ka tokafatsa itsholelo le matshelo a Batswana.

A re ka jalo e le bomme ba Mopipi le mafelo a a mo tikologong ba tshwanetse go le dirisa go itokafatsa. A re ruri bomme ba dikgaolo ba mo bothateng jwa go kokonelwa ke lehuma la nta e tshetlha ka bontsi ba sa bereke e bile ba otla bana ba gantsi ba a bong ba latlhilwe ke borraabo.

Mothusa kgosi ya Mopipi yo gape e leng moemedi wa Boteti kwa Ntlong Ya Dikgosi, Oreagetse Machilidza, le ene fela jalo o gakolotse bomme ba koo gore ba ipaakanyetse go tla go dirisa lenaneo la ESP go tokafatsa matshelo a bone.